Breaking News

Mmuso o abetse kgaolo potlana ya Mahalapye P150 000

26 Sep 2017

 Mmuso o abetse kgaolo-potlana ya Mahalapye P150 000 go keteka meletlo ya boipuso jwa mono ngwaga.

Se se boletswe ke modiri wa lephata la boipelego, Mme Veronica Kalabante mo phuthegong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba motse jaaka dikgosi, magosana, makhanselara, maloko a komiti ya ditlhabololo le molaodi wa kgaolo, Rre Bakuedi Masole.

Mme Kalabante o boletse fa mo mading ao, a a tlaa kgaoganngwang ka metse e le masome a mane le bone, motse wa Mahalapye o abetswe P49, 493.

Mo phuthegong eo, Rre Masole, Kgosi Tsoebebe Segotsi le Kgosi Tshipe Tshipe ba kopile gore boipuso jwa mono ngwaga bo ketekelwe mo kgotleng kgolo boemong jwa go ketekela letsatsi leo mo dikgotlaneng jaaka go ntse go diragala mo dingwageng tse di fetileng.

Ba tlhalositse fa go ketekela meletlo ya boipuso mo dikgotlaneng go dira gore batho ba seka ba ya go itheeletsa molaetsa wa ga Tautona mo kgotleng kgolo ka dipalo tse di nametsang.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba supile fa ba le kgatlhanong le mogopolo wa go ketekela boipuso mo kgotleng kgolo, mme bontsi jwa batho ba ba neng ba tsene phuthego eo ba supile fa ba dumelana le mogopolo oo ka jaana kgotla kgolo e le gone kwa go kopanelwang teng go lekodisana ka ditlhabololo tsa motse.

Kgosi Tshipe yo e leng leloko la Ntlo ya Dikgosi, o tlhalositse fa a tshwenngwa ke go tlhoka go tshwaragana ga baeteledipele ba motse jaaka dikgosi, mapalamente, makhanselara, komiti ya ditlhabololo, molaodi le mokwaledi wa khansele ntswa e le bone ba ba tshwanetseng go goga morafe kwa pele mo ditirong tsa setshaba di tshwana go baakanyetsa boipuso.

A  re go tlhabisa ditlhong gore e re go setse malatsinyana gore Batswana ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome matlhano le motso lefatshe leno le ntse le ipusa, mo Mahalapye komiti e e neetsweng boikarabelo jwa go baakanyetsa letsatsi leo e bo e ise e kgone go kopana le gompieno.

Bangwe ba magosana ba tlhalositse fa batho ba dikgotlana tsa bone ba kgonne go ikgobokanyetsa madi go itumelela letsatsi leo mo dikgotlaneng tsa bone e bile ba ngongoregela gore batho ba ba tlhophiwang mo komiting ya boipuso ga ba ke ba lekodisa setshaba ka madi a a dirisitsweng mo letsatsing leo, mme ba bolela fa seo e le sone se se dirang gore batho ba goge dinao mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 26 Sep 2017