Badiri ba tshwanetse go goga ka mowa o le mongwefela
26 Sep 2017
Molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo o kgothaditse badiri ba ba okametsweng ke ofisi ya gagwe mo lephateng la merero ya ofisi ya ga tautona, tsamaiso puso le bodiredi go bereka ka natla ba le seopo sengwe ka nako tsotlhe go ntsha maduo a a kgotsofatsang setshaba se ba se direlang.
Molaodi o buile jaana bosheng mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ofisi ya gagwe jo bo neng bo kokoantse maphata a a okametsweng ke ofisi ya gagwe a akaretsa badiri ba ofisi ya ga molaodi, maphata a dikitsiso le kgaso le ba dikatso tsa bagodi.
Rre Mathumo o boletse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go dira tiro ya gagwe ka lorato, matsetseleko ka e le ene a itseng go e dira botoka mme kwa bofelong ba tshwanelwa ke go kgotsofatsa setshaba, a kaya fa gape ditiro tsa bone di le botlhokwa mo tokafatsong ya matshelo a batho.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, o ne a gakolola badiri gore ba tshwanetse go itirela botshelo jo bo eletsegang fa ba santse ba le mo tirong bogolo jang go itirela bonno jo bo siameng ka e le jone bo tsholetsang le go fa motho seriti.
O ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse go bereka mmogo ba tshwaragane, a kaya fa kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa le gone go emana nokeng mo matshelong a tsatsi le letsatsi ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong di akaretsa letlhoko la boroko, go tlhoka go tsholediwa maemo, go bereka lobaka lo loleele golo go le gongwe le tse dingwe.
Molaodi Mathumo o ne a gakolola baeteledipele mo maphateng a a farologanyeng go kaela babereki ba bangwe tsela ya nnete ka go ba gakolola mo tirong ka seo se thusa mo go ntsheng maduo a a itumedisang setshaba le gone go itshwara ka boitshwaro jo bo eletsegang.
O ne a gatelela gore ba tshwanetse go tshwara bokopano le badiri ba ba ba eteletseng pele kgapetsakgapetsa ka seo se ka thusa mo go kgalemeleng le go tswa ka ditharabololo tsa dikgang di ka tlhagang mo tirong.
Fa ba ntsha matshweneyego a bone, mongwe wa batsena bokopano joo, Rre Lucky Mphafe go tswa mo lephateng la kgaso o ne a ngongorega ka letlhoko la boroko ka ba bereka ba sa wela dibete a re fa e sale a romelwa ngwaga tse supa tse di fetileng mo Tsabong le mo nakong eno a ise a fiwe boroko mo matlong a puso.
O ne a kgala mogopoplo wa go tlhakanela boroko, a kaya fa matlo mangwe a puso a le mannye mme a sa kgone go tsenya dithoto tsa bone tsotlhe
O kaile fa ba felela ba hirisa matlo mo motseng, selo se a reng se a ba turela le gore a felela a baya matshelo a bone mo diphatseng ka a se mo seemong se se siameng.
Rre Mphafe o ne a supa fa ba le ’bete se molangwana ka badiri ba ba sa tlhakaneleng boroko ntswa ba nna mo matlong a a tshwanentseng go bo a tlhakanelwa.
Fa a ba kgwa dikgaba, molaodi Mathumo o ne a ba bolelela fa a dumela e bile a tlhaloganya fa go tlhakanela boroko go na le ditlamorago tse di sa siamang mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi la go letla puso go aga matlo a a lekaneng a bodirela puso mo kgaolong eo.
Mme Mmamokala Gouwe, mogolwane go tswa mo ofising ya nyeletso lehuma o ne a lebogela phuthego eo, a supa fa mafoko a ga molaodi a kgothatso a tlaa tiisa moko badiri go tswelela ba dira tiro ya bone ba tsentse marapo mo nameng e bile ba tshwaraganye go dira tiro ya puso ka monontlhotlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego
Date : 26 Sep 2017






