Lekgotla la ditsheko tsa lefatshe le emetse dingongora tsa botlhe
26 Sep 2017
Dilelo tsa lefatshe di dintsi mme go botlhokwa go nna le kitso ya gore o le lebisa kae fa o na le dingongora tebang lego ajwa ga lone.
Mafoko a a builwe ke Kgosi Boitswarelo Difemo wa Lotlhakane West mo boemong jwa ga Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa mo phuthegong ya kgotla kwa Moshupa ka Mosupologo.
Kgosi Difemo o akgotse lekgotla la Land Tribunal a re le tsile ka nako e e maleba, a tlatsa ka go re, bontsi jwa Batswana ga ba na kitso epe ka lekgotla le.
Fa a tswa la gagwe, leloko la lekgotla la ditsheko tsa lefatshe kwa Gaborone, Rre Gordon Lecoge, o tlhalositse gore lekgotla le le tlhametswe go reetsa dingongora tsa batho le maphata ka go farologana mabapi le tsamaiso ya kabo ya lefatshe.
Rre Lecoge o supile gore lekgotla la kabo ditsha le lone le ka tsenya ngongora kwa diofising tsa Land Tribunal, kgatlhanong le ope fela yo o ikgatholosang tshwetso e lephata la kabo ditsha le e ba beileng pele.
O tlhalosa gore lekgotla le la Land Tribunal ke la puso e bile le wela ka fa tlase ga lephata la ditsha le matlo, a tlatsa ka gore Batswana ba le dirise.
O bile a tlhalosa gore mongongoregi o tlhokana le go lefa P10 go kwadisa ngongora kwa Land Tribunal.
Rre Lecoge o bile a gatelela gore Land Tribunal ga se yone e abang ditsha, yone ee itebagantse le go araba dingongora tse di amanang le kabo ya lefatshe.
O supile gore diofisi tsa lephata le, di nne lefatshe ka bophara, e leng Gaborone, Palapye, Francistown le Maun.
Rre Lecoge o gakolotse morafe gore ba sale tsamaiso morago, a supa gore mongongoregi a ise ngongora kwa lephateng le legolwane la kabo ya lefatshe (Main Landboard) pele ga e fetela kwa Land Tribunal fa a sa kgotsofalela tshwetso ya bone.
Fa a araba mongwe wa batsena phuthego Rre Watson Thibelang, Rre Lecoge o tlhalositse gore fa mongongoregi a sa itumelele tshwetso ya Land Tribunal o na lego ka fetela kwa High Court go ya go feleletsa kwa Court of Appeal.
Rre Thibelang o ne a kopile go tlhalosediwa gore fa mongongoregi a sa itumelele tshwetso ya lekgotla la land tribunal, a gona le kgato e mongongoregi a ka e tsayang goya pele.
Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi wa Moshupa, Kgosi Mochankana Mokgobosi o ne a leboga lekgotla le, are le butse batho matlho.
Fela o ne a supa a le ’bete se molangwana gore diofisi tsa lekgotla le ga di yo mo kgaolong ya borwa a tlatsa ka gore bangwe ba tlaa nna maoto a tshupa go latela ditlamelo tsa lekgotla le kwa Gaborone.
Kgosi Mokgobosi o ne a akgola le morafe ka kakaretso gore o bo o tsere matsapa ago tla go itseela molaetsa ka tsebe a tlatsa ka gore dikgang tsa mothale o di siame thata matlho a phage a lebane.
Rre Seleboge Jebenyane o ne a leboga Land Tribunal.
A re ba tswa bogologolong ba jewa ntsoma ba sa itse fa go na le lekgotla le le emetseng dingongora tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tlamelo Kgelepo
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 26 Sep 2017






