Breaking News

Maphata a phepafatsa lelwapa

26 Sep 2017

Badirelapuso ba Kanye ba ne a tswa letsholo go ya go phepafatsa lelwapa la ga Mme Diteko Thomas, yo o sa kgoneng go itirela sepe ka ntata ya bokoa gape a nna a le nosi mo kgotleng ya yoora Sebenego mo Kanye bosheng.

Mo badiring ba, go ne go le ba lephata la dikitsiso, ba dipasa le mesepele, ba gogwa pele ke ba ga molaodi.

Ba ne ba mo abela gape le melora, dinotsididi le maungo.

Phefatso e ne e ama go feela lelwapa, go kgaola ditlhare le majang mo tikologong ya lelwapa.

Fa ba bua morago ga tiro, mothusa molaodi, Rre Tshepho Kgotso o boletse fa ba diragatsa ikuelo ya ga Tautona ya go thusa setshaba ka fa ba ka kgonang ka teng le ba ba tlhokileng lesego.

Rre Kgotso o boletse fa e le tshimologo ya go thusa Mme Thomas, a bolela fa dikgolo di tla.

O boletse fa ba ikaegile ka lengwe la matshego a puso la tshaba e e kutlwelobotlhoko.

A re ba thusitswe ke ba boipelego go tlhopha Mme Thomas.

Fa a leboga, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ne a akgola maphata a, a kopa gore maphata a mangwe le one a tseye malebela.

Mokhanselara Lemme a re o kopile dikhamphani ka go farologana go thusa mme ba santse ba mo solofeditse.

Rre Lemme o boletse fa go le maleba gore badirelapuso ba thuse fa ba leng teng e seng go ya kgakala ba tlogela fa ba berekang teng.

E rile a amogela maphata ao, kgosana yoora Sebonego, Rre Makgaola Sebonego a supa fa ba itumetse.

O kgotlhaditse badirelapuso go tswelela ka mowa o o ntseng jalo.

Fa a ba leboga, Mme Thomas a a tlhokang a le tlhaeng.

Mme Thomas ke mogodi e bile o nna a le nosi, a dirisa dithobane go tsamaya, mme a thusiwa ke ba boipelego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phepafatso

Date : 26 Sep 2017