Dikereke di lebogela boipuso
26 Sep 2017
Dikereke ka go farologana di ne di tshwere bokopano jwa go lebogela boipuso.
Fa a ema diphuthego pele ka lefoko, Moruti Lebogang Tube wa Methodist mo Lobatse o ne a re ke nako ya gore setshaba sa Botswana se atumele Modimo ka jaana ele ene botshabelo jwa tsotlhe.
Moruti Tube a re setshaba se tshwanetse sa kopana mo Modimong, mme ba supe lorato, tlotlo le go tshegetsana.
Moruti Tube a re mogare wa HIV o ka lwantshiwa ke thapelo.
A re Modimo ke ene botshabelo jwa tsotlhe, mme a rotloetsa setshaba go siela kwa Modimong go ya go ipobola.
O tlhalositse gore go bitsa Modimo ga se sesupo sa bokoa jaaka bangwe ba ka akanya, mme a re seo ke sesupo sa phenyo ebile a re Modimo ke ene seikokotlelo sa batho mo ditseleng tsotlhe.
Bokopano jo jwa dikereke bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng 'Botsogo jwa Rona, Boikarabelo jwa Rona.'
Re tshwaragane go emisa Kanamo ya Mogare wa HIV.”
Fa a tswa la gagwe Moruti Madzani wa Bible Life o ne a re bothata jwa HIV ga se jwa puso fela mme a re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaa seabe go lwantsha le go fedisa mogare o.
Moruti Madzani a re ke nako ya gore jaanong dikereke di nne le seabe se se bonalang mo go thuseng puso go lwantsha HIV.
O ne a gwetlha badumedi go ema ka dinao ba goeletsa kwa Modimong gore o ba fe tharabololo.
Fa a amogela bokopano jo, mothusa mmatoropo, Rre Francis Mokwena o ne a lebogela seabe sa dikereke mo go tliseng kagiso mo lefatsheng.
O ne a supa matshwenyego a a leng teng mo toropong ya Lobatse jaaka tiriso ya diritibatsi, borukutlhi , le nnotagi e feteletseng.
Rre Mokwena o ne a kopa dikereke go tsosolosa mowa wa sekeresete le go rapelela segolo bogolo banana, a tlhalosa fa botlhoka tsebe jwa bone bo ile magoletsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya Dikereke
Date : 26 Sep 2017






