Temo-thuo kgwebo
25 Sep 2017
Mookamedi wa tsa theko le thekiso ya dijo kwa kgaolong ya legare, Mme Barulaganye Lebutswe a re balemi ba tshwanetse go tsaya temo-thuo jaaka kgwebo.
O buile jaana fa a ne a buisa balemi ba kgaolo ya legare kwa Serowe bosheng kwa letsatsing la thekiso la balemi barui.
Mme Lebutswe a re balemi barui ba tshwanetse go itse gore maikalelo a letsatsi leo, ke go tla go itshupa le go rekisa ka tlhwotlhwa tse di lekaneng, go ithuta le go abelana maele e le balemi barui le go atolosa mmaraka wa temo thuo gore ba tle ba kgone go rekisa gongwe le gongwe le go thusiwa gore ba tle ba kgone go phadisana le mafatshe a mangwe.
Molalediwa wa tlotla wa letsatsi, Rre Keletso Rakhudu o ne a leboga balemi barui ba ba neng ba tsile le ntswa ba ne ba le boutsana a bo a ba kopa go lemotsha ba ba sa kgonang go tla bomosola jwa letsatsi leo.
Rre Rakhudu a re kgwebo e tliwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke yoo mmotlana kana yoo setseng a itshetletse mo mmarakeng.
A re e le ba balemi barui ba kopa gore ba thusiwe go ikgolaganya le balemi ba mafatshe a mangwe.
A re moono wa letsatsi ke go tlhabolola temo thuo go nna kgwebo a supa fa ba tshwaragane le batsaya karolo botlhe ba ba lebaneng.
Rre Rakhudu o kopile balemi barui go sa kgobega marapo mo go se ba se dirang ka e le gone ba simololang mme a ba rotloetsa go ithuta mo bathong ba mafatshe a sele ba ba nnang mo lefatsheng leno jaaka morafe wa se India le wa China ka gore ke batho ba ba dirang ka natla fa ba le mo kgwebong.
O kopile gore letsatsi la balemi barui le dirwe kgapetsa kgapetsa le gore ba sekaseke boleng jwa letsatsi leo.
Rre Rakhudu a re ba tshwanetse go akaretsa bagwebi botlhe ba ba gwebang ka di tsa bone gore ba dire thulaganyo ya go etela masimo ka bongwe ka bongwe gore ba tle ba kgone go ithuta mo go ba bangwe.
Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsile go supa, Mme Nancy Phiri yo o dirisang dipolaseteke tse di dirisitsweng e le tsela ya go phepafatsa le go itshetsa, a re kgwetlho e a kopanang nayo mo kgwebong ya gagwe ke ya gore batho ga ba reke dilwana tsa gagwe le ntswa a di rekisa ka tlhwotlhwa ee kwa tlase.
A re ga a ise a kope thuso mo pusong le fa e le mo dikhamphaneng.
Mme Gonthaletse Ratau ene yo e leng moroki o supile fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle e bile ba khansele ba mo file lefelo le a direlang mo go lone.
A re bothata ke ba ba tsisang dilwana kwa go mme ba tseye lebaka go di rekolola kana ba se ke ba di rekolole gotlhelele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Letsatsi la Thekiso
Date : 25 Sep 2017






