Breaking News

Maele o tlhalosa tsamaiso

24 Sep 2017

Banni ba Bonwapitse kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye ba a tlhokile a le tlhaeng morago ga go tlhalosediwa ka botlalo ditsamaiso tsa lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe.

E rile a ala kgang, tona wa lephata leo e bile e le mopalamente wa Lerala/Maunatlala bosheng, Rre Prince Maele a tlhalosetsa banni ba Bonwapitse fa a le mo motlhaleng wa go latedisa dingongorego tse di sa ba itumedising tsa kabo ya lefatshe mo motseng wa bone tse ba neng ba di baya Tautona pele fa a ba etetse bosheng.

Mo leetong la ga Tautona, banni ba ne ngongorega ka lephata la kabo ditsha le la metsi, gore ga ba direlwe sentle ka ga go na morero fa go bewa kana go rebolwa batho go tla go gweba mo motseng.

Kgosi Tlotswane Tshegetsang o ne a ipaya lerala ka tse ene le morafe di sa ba jeseng diwelang.

A re dipeo di tlhakatlhakantse motse mo ba sa tlholeng ba na le mafelo a ditso, mafudiso le gore mabitla a batsadi ba bone go beilwe dijarata fa godimo ga one.

Seo a re se dirilwe ke go tlhoka therisano le ba lekgotla la kabo ditsha la Mahalapye le Shoshong.

Mafoko a ga kgosi a ne a iteelwa kobo moroko ke modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo, Rre Kebadire Goromente yo a neng a supa fa e le banni ba motse oo, ba ne ba ikabela lefatshe go le dirisa mo ditlhabololong le madirelo kwa Borotsi.

O tlhaloseditse tona fa banni ba motse ba tsweletse ka go ikabela lefatshe le go ipaya fa bangwe ba ikokeletsa go feta mekono e ba beilweng mo go yone.

A re dituelo tsa metsi di kwa godimo mme di sekasekwe fela jaaka go ne ga dirwa ka motlakase.

Nngwe ya dikgang kgolo e ne e le go epiwa ga motlhaba, mo kompone nngwe e neetsweng teseletso ya ngwaga go epa mo motseng mme banni ba re ga go a nna le morero fa go ntshiwa teseletso eo.

Tona Maele o ne a tlhalosa fa batho ba gola mme lefatshe le sa gole, seo se bo se tsisa dikgotlhakgotlhano, mme go tle mo seemong sa gore go dirisiwe ditsamaiso tsa molao go rarabolola mathata gore motho le lefatshe di direlwe tshiamelo.

A re sengwe gape ke phetogo ya loapi e le yone e tlang ka tlhaelo ya metsi, mme seo le sone se tsise kgotlhang.

A re go lemoga tseo tsotlhe, go ka dirwa melao, wa lefatshe le wa metsi gore go kgonwe go tsamaisa merero ya dilo tseo sentle.

Tona Maele o ne a ruta morafe wa Bonwapitse ka ditsamaiso tsa kabo ya lefatshe le kgokelo ya metsi, a tlhalosa fa meamuso ya lefatshe e le ya Batswana botlhe gongwe le gongwe fa ba leng teng.  

O tlhalositse fa dikgang tsa merero ya lefatshe di rerwa le botlhe ba di ba amang, dikgosi di le mo teng le makalana a mangwe mme a kopa banni ba Bonwapitse go itebaganya le kgang ya metsi le lefatshe ka boammaruri gore ba tswe ka tharabololo e e ka baakanyang se se senyegileng fa se le teng.

Tona Maele o tlhalositse fa e le tsamaiso gore go nne le molebeledi wa dithota mo motseng a itebagantse le kabo ya lefatshe a e tshwaraganetse le ba lekgotlana la kabo ditsha e le letsogo la kgosi e bile a rera ka dinako tsotlhe le ene.

Fa a boele mo dikganyeng tsa bone tsa gore ga go na morero fa gare ga bone le ba kabo ditsha, tona o ne a balolola maina a ba ba neng ba le teng mo phuthegong e e neng a bileditswe go tla go ithola ga khamphani eo, mme a supa fa ditsamaiso tsotlhe tsa go neela khamphani eo teseletso di dirilwe sentle go setswe ditsamaiso tsotlhe morago.

Ka kgang ya go atolosiwa ga motse tona o ne a supa fa morero o nnile teng, a re mo phuthego eo, go ne go le teng ba mealo, ba ba dupang lefatshe le ba lekgotla la kabo ditsha gone kwa kgotleng ya Bonwapitse.

A re fa lekgotla la kabo ditsha le sentseng teng o amogela molato le gore go santse go ka baakanngwa a lebeletse mafelo a ditso le mekgatsha.

O ne a tlhagisa ba ba ikokeletsang le ba ba ipayang gore ba ikepela lemena, a re ga a bee sebete dikgang tseo mo lephateng la gagwe ka di tla ka matlhotlhapelo a go thubelwa matlo.

A re banni ba Bonwapitse ba mo lefatsheng la sehuba le le tlhokang go tshwarwa ka matsetseleko, mme a kgalema gore ba emise go rekisa ditsha le gore ba di tlhabolole.

A re mo bogaufing, lephata la gagwe le tlaa simolola go ntsha ditlankana tse disha tsa ditsha tse di kwadisitsweng, a supa fa diya go ba solegela molemo ka e le tse di ba letlelelang go ka ikopela madi a kago kwa dibankeng ka e le Title deeds tsa bone.

Tona o rotloeditse ba ba sa kwadisang go ikopanya le ba makgotla a kabo ditsha go kwadisa ditsha tsa bone.

Rre Maele o rotloeditse banni ba Bonwapitse go tlhama makgotla a ditlhabololo a ka one ba ka kgonang go nna le seabe mo tshomarelong meamosu ya metse ya bone, a re ba ka ikopanya e le ba Shoshong, Kalamare, Bonwapitse le Mmutlane.

Fa ba akgela, banni ba ne ba lebogela thuto ka ditsamaiso tsa merero ya lefatshe, ba re phuthego eo e ba tswetse mosola ka baithutile go le gontsi ka tsa lefatshe le metsi.

Ba re fa dikgang di ne di tsibogelwe jaaka e, go ne go ka nna le thitibalo, bare o ke o ne morero.

Fa a leboga, Kgosi Tshipe Tshipe go tswa kwa Mahalapye e bile e le leloko la Ntlo Ya Dikgosi, a re merero ya ditlhabololo tsa lefatshe, segolo jang e e amang morafe e direlwe mo kgotleng, mme ka nako eo go ka kwalwa maina a ba ba tsileng go reetsa kana ga tsewa dipalo.

O supile fa dikgang tsa merero ya lefatshe di na le borara jotlhe jo bo tlhokegang gore fa go tsewa ditshwetso le jone bonne le seabe mo go tsone, segolo jang dikgosi ka ba filwe boikarabelo ke morafe, mme a leboga thata ka therisano le setho se Batswana ba itsiweng ka sone sa ntwa kgolo keya molomo e dirwa ka neelano le kutlwisisano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : BONWAPITSE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 24 Sep 2017