Ba le babedi ba tshegeditswe ke mapodisi
24 Sep 2017
Banna ba le babedi ba dingwaga tse di masome mabedi le boraro le tse di masome mabedi le bosupa ba tshegeditswe ke mapodisi morago ga go hulana le mapodisi kwa Mahalapye bosheng.
Mothusa moanamisa mafoko a sepodisi kwa Gaborone, Senior Superintendent Dipheko Motube o boletse mo potsolotsong le BOPA gore mo banneng bao, ba ba neng ba le bane ka palo, go tlhokafetse a le mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa Mathako kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami fa ba le babedi ba tshwerwe, mme a le mongwe a santse a ineile naga.
Senior Superintendent Motube o tlhalositse fa banna bao, ba ba ntseng ba batlwa ke mapodisi mabapi le ditiragalo tse di farologaneng tsa borukutlhi, ba fithetswe ka dithoto tse di farologaneng jaaka tlhobolo, megala ya letheka le diaparo tsa mefuta e e farologaneng tse go belaesegang e le tsa bogodu.
A re sepodisi se kopa setshaba go ba thusa go tshwara rre Andrew Tanishingo yo go bolelwang a ineile naga e bile a tshotse thobolo.
Rre Motube a re fa ditlhothomiso tsa mapodisi di sena go wela, banna bao ba tlaa isiwa kwa kgotleng ya ditsheko go ya go lebisiwa molato wa borukutlhi le go filtlhelwa ka tlhobolo le marumo ba sena teseletso.
Rre Motube o tlhalositse fa banna ba le babedi ba ba neng ba robaditswe kwa kokelong ya Mahalapye go alafelwa dikgobalo tse dipotlana morago ga go hulana le mapodisi ba ntshitswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 24 Sep 2017






