Breaking News

Puso e tlhabolola batho

21 Sep 2017

Puso e ntshitse madi gore Batswana ba a dirise go itlhabolola le go itlhamela mebereko mo magaeng a bone.

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le ditlhabololo magae, Rre Frans Van Der Westhuizen o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe bosheng.

A re madi ao a ntsheditswe gore a akolwe ke beng-gae ka go neelwa ditiro tse di mo metseng ya bone gore le bone ba kgone go oba letsogo.

O kgadile mafoko a a neng a a utlwa kwa motseng oo a gore badiri ba khansele ba reka kwa ntle ga motse le ntswa dilo tse ba di batlang di le teng, le gone go tlhapa batho kontle le fa ntswa baagi ba le teng mo motseng wa Shorobe.

Tona o ne a re seo ga se sone se ba se dumelaneng kwa tshimologong.

A re go dira jalo ga puso e ne e le gore beng-gae ba tsosolose itsholelo ya metse ya bone, ka go itlhamela mebereko ka puso e itse fa gona le letlhoko le le ntsi la mebereko kwa metseng ya go nna jalo.

O bile a tlhalosa fa ba dumelane gore mo dithendareng tsa khansele banana ba nne ba neelwa 15 per cent ya tsone gore le bone ba kgone go iteka lesego jaaka mongwe le mongwe.

O bile a tlhalosetsa banni ba Shorobe ka ditiro tse di diriwang ke lephata la gagwe jaaka go tlhokomela bagodi le go agela batlhoki matlo a boroko, go baakanya dikolo le tse dingwe.

O ne a tlatsa ka go re puso e dirile gore matlo ao a tswe kwa go 300 mme a nne lekgolo ka ngwaga.

Mothusa tona o bile a kgothatsa batho bao go tswelela ba ikopela mananeo go na le go nna fela mo Ipelegeng, a re kana tota yone ke maiteko fela a go lwantsha letlhoko la ditiro mme a re mananeo a ka ba isa golo gongwe fa a tlhokomelwa sentle.

Fa a amogela mothusa tona, kgosi wa motse o ne a re o kopa gore motse wa gagwe o agelwe diofisi tsa kgotla tse di kgolwane, a tlatsa ka gore motse wa Shorobe o sa le o nnile le kgotla ka 1962 mme a re ga o na dikgosana tsa tetlano e bile o tlhaelelwa ke ditirelo tsotlhe fela.

O bile a kopa diofisi tsa mapodisi le koloi e mapodisi ba ka e dirisang ka a re borukutlhi, segolo jang jwa leruo bo bontsi mo kgaolong eo, a re fa ba ka beelwa ofisinyana ba ka thusa le gone mo go theogeleng bosigo.

Fa ba akgela, batho ba motse oo ba boleletse mothusa tona fa ba sa bolo go kopa gore tona wa bojanala, diphologolo le makgabisa naga, Rre Tshekedi Khama a ba etele gore ba e go fedisa kgotlhakgotlhano e e teng fa gare ga bone le diphologolo di tshwana ditlou le ditau le gone go bona gore ba ka e ra rabolola jang.

Rre Tshekiso Motumise a re ba kopa puso gore bogolo e ba phakise dijalo gore ba kgone go lemela ditlou fa puso yone e tlaa bo e ba duela a re o bone seo seka nna botoka ka jaanong bone ba lapisitswe ke go di lemela mahala.

O tlhalositse fa ba na le tlhaelo e tona ya metsi mo motseng.

A re mme se se gakgamatsang ke gore ba duela madi a mantsi ntswa ba sa a nwe, o bile a tlhalosa fa phimolo dikeledi e tsaya nako e telelele go goroga.

Rre Gorerwang Fly ene o ne a kopa gore ba thusiwe ka seemo se se maswe sa tsela e e yang kwa mabitleng.

A re bogolo e tshelwe metsi ka dinako tse go iwang teng kana e tshelwe motlhaba go fokotsa lerole.

O tsweletse a re tsela eo e tshwana fela le e e dirisiwang ke bajanala fa ba tsena mo Moremi a re e dikhuti.

Rre Malebogo Dingalo ene o ne a kopa gore batho ba kgaolwana ya Mochaba go bapa le Shorobe ba sekasekelwe go neelwa ditlankana tsa peo ka a re motsana oo o sale o ntse foo bogologolo, mme jaanong ba lekgotla la Goo-Tawana la kabo ditsha bone ba re ke bo maipaafela, ebile ba sa bone mananeo a puso ka jaana go tlhokega gore ba bo ba na le ditlankana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : SHOROBE

Event : Kgotla meeting

Date : 21 Sep 2017