Breaking News

Dikgosi di rotloediwa go tsenya letsogo

21 Sep 2017

Dikgosi tsa kgaolo ya Borwa Botlhaba di kgothaditswe go fetisetsa molaetsa wa go dira learo la borre kwa morafeng.

Fa a bua mo bokopanong le dikgosi bosheng, mogokaganyi wa lenaneo la go lwantsha AIDS mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, Mme Tuelo Chibana o supile fa ba bone go le botlhokwa go kopana le dikgosi go tla go abelana le bone thuto ya go dira learo la borre.

Mme Chibana o supile fa learo le sa tsamae sentle mo kgaolong, ka dipalo e le tse di kwa tlase.

O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go sekaseka lenaneo go bona gore ba le tiisa jang, gore le ntshe maduo.

A re go botlhokwa gore dikgosi di itse ka lenaneo le, gore ba kgone go rotloetsa morafe le gone go rotloetsa banana, bana ba dikole le batshameki ba kgwele ya dinao go tsaya boikarabelo.

Mme Chibana o ne a tlhalosa fa learo la borre le le botlhokwa ka le fokotsa kanamo ya mogare le malwetse a tlhakanelo dikobo.

Fa a tswa la gagwe, ngaka mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, Dr Refilwe Senyatso o tlhalositse fa dikgang tsa botsogo ba di tshwaraganetse le dikgosi, ka jalo learo la borre le ka kgonagala ka tshwaragano ya morafe.

O ne a supa fa dikgosi e le tsone di ka fetisang molaetsa motlhofo ka gore ke tsone di nnang thata le morafe e bile ba o itse botoka.

Dr Senyatso o ne a rotloetsa dikgosi go bua le borre gore ba nne le maikarabelo ka matshelo a bone.

O tlhalosetse fa learo la borre le le botlhokwa ka le fokotsa mogare wa popelo le kanamo ya HIV.

O supile fa dipalo di supa gore bomme ke bone ba ba supang kgatlhego ya go itse seemo sa bone, gona le borre.

Dr Senyatso o ne a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela HIV.

Fa ba tswa la bone, dikgosi di ne tsa supa fa di itumeletse dithuto tse, e bile ba tlaa leka ka bojotlhe go fetisetsa molaetsa kwa morafeng.

Ba ne ba supa matshwenyego a gore banana ga ba tsenelele diphuthego tsa kgotla, ka jalo ba fetwa ke dithuto tse di botlhokwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gogontle Sanka

Location : RAMOTSWA

Event : Bokopano le dikgosi

Date : 21 Sep 2017