Ngwana setlhare o a nosediwa - Mogokgo Kebafitlhetse
20 Sep 2017
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba kwa Maun, Rre Noah Kebafitlhetse o kopile batsadi go emisa go dira ditiro tse di sa siamang fa pele ga bana.
Mogokgo o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana gone kwa sekoleng seo bosheng, Rre Kebafitlhetse o tlhalositse fa ditlhaloganyo tsa bana ba bannye di le metsi ka jalo di kgona go tshwara sengwe le sengwe se se dirwang ke motsadi, a re gape bana ga go motlhofo go farologanya se se bosula le se se molemo ka ba kgona go kwatabolola sengwe le sengwe mme phelelong se ba senyetse bokamoso.
Rre Kebafitlhetse o boleletse batsadi gore go botlhokwa go fitlha mekgwa mengwe e e sa siamang gore ba seka ba senya bokamoso jwa bana, a re lore lo ojwa lo sale metsi ka seo bana ba tshwanetse ba lemotshiwa tse di sa siamang ba sale babotlana
“Ngwana ke ene seipone sa kwa ga bone, ka seo batsadi ba tshwanetse ba nna motlotlo ba godisa ngwana yo o tlaa sekeng a ba tlhabise ditlhong, yo o nang le boitshwaro jo bontle mo sechabeng le ko sekolong,” ga bua Rre Kebafitlhetse
A re batsadi ba tshwanetse ba tshwantshanya bana le ditlhare, a tlhalosa gore ditlhare fa o ka di lema mme wa seka wa di nosetsa ga di ntshe maungo, ka jalo ngwana le ene o tshwanetse a nosediwa ka go tlhokomelwa le go fiwa ditaelo le maele a botshelo gore le ene ka moso a tle a ntshe maduo a a elediwang ke motsadi mongwe le mongwe.
“Go nosetsa ngwana gore a ntshe maduo go ka dirwa ka mekgwa e mentsi jaaka go bua le ene, le ka go lekola ngwana kwa sekolong go bona gore o dira jang mo dithutong ka gore seo se ka dira gore morutabana a itse ngwana botoka,” ga bua mogokgo.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa gone mo sekoleng sa Mathiba, Mme Patricia Paul o kopile batsadi go emisa go bipa mpa ka mabele, a re ba tshwenyegile thata ka gore ba amogela dikgang dingwe kwa sekolong tse di supang gore batsadi ba ne ba di bipile.
Mme Paul o kopile batsadi go boela kwa mekgweng wa bogologolo e ngwana a neng a kgalemelwa ke mogolo mongwe le mongwe a re seo se ka thusa go lwantsha mekgwa e tshwana le ya nnotagi e e ba tshwentseng mo sekolong sa bone ka gore bana ba tlaa nna le poifo.
A re bana ba sekole ba setse ba inaakantse le mekgwa e e maswe jaaka nnotagi le tlhakanelo dikobo le batho ba ba bagolwane mo go bone, selo se se tlhokang batsadi go ema ka dinao gore isago ya bana ba bone e seka ya senyega.
O tlhalositse fa ba tshwenyegile thata ka gore ngogola ba ne ba lemoga fa basetsana gone mo sekoleng seo ba le bararo ba lokwalo la bosupa ba ne ba ima, fa ngwaga ono a le mongwe gape a imile.
“Boimana jwa bana ba sekole bo supa gore mongwe o ne a leka go bipa mpa ka mabele, ka jalo batsadi re kopa gore le emeleng bokamoso jwa bana ba lona ka dinao ka go ba kgalemela le go emisa go nwa majalwa le tse dingwe mo matlhong a bone,” ga bua Mme Paul.
Mme Paul a re ba lemogile fa go na le batsadi bangwe ba ba rotloetsang gore bana ba tlhakanele dikobo le batho ba batona mo go bone gore ba tlhokomele ba lelwapa la bone. A re kgang e e tshwanetse ya emelwa ka dinao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Puisano
Date : 20 Sep 2017






