Breaking News

Ba Chanoga ba tsosolosa ngwao

20 Sep 2017

Matshwitshwiti a batho go tswa metseng e e farologanyeng ba ne ba tshologetse kwa Chanoga bosheng kwa ba neng ba ipelela le go ruta bana ka ngwao.

Fa a bua kwa moletlong oo wa ngwao, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Vepaune Moreti o supile fa go le botlhokwa go ruta bana ka ngwao ba sale babotlana.

Rre Moreti a re fa bana ba itse le go tlhaloganya ngwao ya bone, ga go nne motlhofo gore ba kope dingwao tsa mafatshe a sele tse nako tse dingwe di sa siamang.

A re bana ke bone fela ba ka dirang gore ngwao e seka ya nyelela ka e le bone baeteledipele ba kamoso ka jalo go ka nna motlhofo gore dikokomane di e fitlhele.

“Fa bana ba tlhaloganya ngwao ya bone botoka ba ka nna motlotlo ka yone ka jalo ba fokotse go kopa dingwao tsa mafatshe a sele tse nako tse dingwe di gotlhagotlhanang le ngwao ya Setswana,” ga bua Rre Moreti.

A re ngwao e botlhokwa thata ka ke yone e e tshwaraganyang merafe e e farologanyeng, o ne baya sekai la letsatsi leo la ngwao le le neng le kopantse batho ba merafe ya Baherero, Bayei le Bambukusu a re seo se dira gore ba seka ba lebela morafe ope kwa tlase.

Le fa go ntse jalo, o ne akgola morafe wa Baherero a supa fa ba santse ba ngaparetse ngwao ya bone, a re ba setse ba apara kapari ya bone ya ngwao le go tshegetsa dijo tsa bone tsa ngwao jaaka nama le madila.

Rre Moreti a re merafe e mengwe e tshwanetse ya lemoga fa ngwao e botlhokwa mme ka jalo ba tshwanetse ba e tshegetsa gore dikokomane di e fitlhele.

A re go kwala ngwao go botlhokwa ka go ka dira gore ba mafatshe a sele ba tle ba bale le go itse ka ngwao ya Setswana selo se se ka rotloetsang gore amogele le go e akgola gone gore dikokomane batle bae fitlhele.

Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Chanoga, Rre Morwaledi Disang o supile fa ba ne ba simolola letsatsi leo la ngwao ngogola ka maikaelelo a go tsosolosa ngwao, segobogolo mo bananeng.

Rre Disang yo o neng a itumelela tshologela ya batho, a re batho ba tshwanetse ba tsaya ngwao ka tlhoafalo ka gore e kopanya batho.
A re gape e ka ba thusa go bula dikgwebo.

A re malatsi a a tshwanang le a go tsolosa ngwao a botlhokwa ka a ka dira gore bana ba ikitse, selo se a reng se tlaa dira gore ba seka ba kopa mekgwa ya dingwao di sele e gantsi e sa siamang.

“Re ikaelela gore re nne re dira jaana ngwaga le ngwaga ka gore re lemoga fa ngwao ya rona e nyelela, ka jalo re ikaelela gore re rute bana ka ngwao ya rona le go tshwaraganya merafe e e farologanyeng ka letsatsi le tshwana le lone le,” ga bua Rre Disang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Tsosoloso Ngwao

Date : 20 Sep 2017