Breaking News

Selelo sa ba BosejaKubung se arabilwe

20 Sep 2017

Selelo sa banni ba kgotla ya Boseja/Kubung sa ditsela tse di sa tsamaegeng e a go nna selo sa maloba ka jaana le bone ba akareditswe mo lenaneong la go tlhabolola ditsela la khansele-potlana ya Maun.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Mmoedi Modiegi o buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla gone kwa Boseja/Kubung bosheng.

O kaile fa ba khansele eo ba dule ka lenaneo la go tlhabolola ditsela mo dikgotleng tse di farologanyeng mo kgaolong ya bone.

Rre Modiegi, yo o tsamayang le kgaolo ya gagwe a lekola banni le go utlwa dilelo tsa bone, o tlhalositse fa kgotla nngwe le nngwe e a go akola ditlhabololo, segolobogolo tsela ya dikhilomithara tse tlhano, a re ba a go leka ka bojotlhe go di tshela lekgarapana kana go dirisa ditena tse di kopanngwang e le ntlha nngwe ya go tlhabolola motse.

O tsweletse a tlhalosa fa ba lemogile gore banni ba kgaolo ya bone ba lela thata ka ditsela tse di sa tsamaegeng morago ga dipula tse di neng tsa gosomana, mme tsa senya ditsela ka bontsi mme ka seo ba ne ba seegela kwa thoko P5 million a bontlha bongwe jwa one a tlaa dirisiwang go tlhabolola tsela ya Boseja/Kubung e e sa robatseng banni ba kgotla eo.

Modulasetilo o supile fa lenaneo leo la go tlhabolola tsela ya kgotla ya Boseja/Kubung le setse le simolotswe ka jaana ba setse ba boletse dikopo tsa borradikonteraka ba ba nang le kgatlhego ya go dira tsela eo.

“Tsela e e tlaa simolola fa dikagong tsa BMC mme e felele fa matlong a BHC ka gore re ikaelela gore kgotla nngwe le nngwe e akole tsela e e e dikhilomithara tse tlhano,” ga bua modulasetilo.

Rre Modiegi a re ba dule ka lenaneo la go dirisa ditena dingwe tse di faphegileng go dira tsela eo ya Boseja/Kubung, e seng go dirisa lekgwarapana jaaka go tlhwaelesegile ka go supagala gore tsone di thata di ka seke di senngwe ke dipula ka bonako, a tlatsa ka gore ba solofela gore pele ga ngwaga ono wa madi o fela, tsela eo e tlaa bo e setse e simolotswe go dirwa.

E ne ya re pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo gone mo kgotleng eo, Rre Boitshoko Balekile a supa fa ba ne ba setse ba itlhobogile ba supa khansele ka monwana ka gore matshelo a bone a ne a setse a le mo diphatseng, ka gore dipalamo tsa sechaba di ne di ba baya kgakala le kwa malwapeng a bone.

Rre Balekile a re dipalamo tsa sechaba di ne di ba baya kgakala ka gore ba ne ba tshaba gore tsela eo e tlaa ba senyetsa dikoloi tsa bone mme seo se dire gore magodu a ba amoge ditsa bone.

“Re ne re setse re akanya gore khansele ya rona e re latlheletse ka gore ka nako tsa dipula re ne re sokola thata ka gore ditsela tsa rona di ne di sa tsamaege,” ga bua Rre Balekile

O tlhalositse fa dingwe tsa ditsela tsa bone di ne di setse di tlhogile ditlhare mme seo e nne bonno jwa dirukutlhi tse di tseelang bangwe dikobo ka dikgoka le go ba amoga ditsabone selo se se neng baya matshelo a bone mo diphatseng.

Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa khansele o ne gape a tlhalosetsa banni ba Boseja/Kubung fa ba tlaa oketsa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka ba lemogile gore batho ga ba a bona thobo e e nametsang mono ngwaga.

A re ka batho ka bontsi ba ba neng ba lemile ba ne ba senyediwa ke dipula tse di neng tsa gosomana mme bangwe ba tswa fela ba iphotlhere, selo se se gwetlhileng khansele go ba akanyetsa gore le bone ba tle ba kgone go oba letsogo ka Ipelegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 20 Sep 2017