Kgosi Kgamane o a sidilega
20 Sep 2017
Kgosi Mokhutswane Sekgoma a re motshwarela bosigo jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane a sidilega kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone.
“E ne ya re kgwedi e e simolola, rraarona a fikela, jalo a ya sepateleng sa Sekgoma Memorial, kwa ba bongaka ba supileng fa e le mhikela, jalo ba tlhalosa fa bolwetsi joo bo tsile ka maemo a matona,” a supa.
A re kgosi o amogetswe kwa Sekgoma malatsi a mabedi, mme ya re morago ga malatsi ao a ragosedisiwa kwa Princess Marina kwa a santseng a robaditswe teng.
“Gantsi fa go buiwa ka botsogo jwa motho batho ba a tlhobaela. Ke batla gore morafe o seka wa belaela sepe, kgosi o mo botsogong jo bo botoka, e bile o a sidilega.
Mo bogompienong o siame, o a ja, o a bua,” a supa. Kgosi o ne a supa fa a lebogela dithapelo tsa morafe, gore a bo o ntse o eme bogosi nokeng mo nakong e.
A re tsholofelo ke gore kgosi o tlaa boela mo tirong, kana a ya malatsing a boikhutso mo nakong e khutshwane.
Kgosi Kgamane o sale a nna mo setilong sa bogosi ka 1979, morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mokgatsha Mokgadi yo le ene a neng a tshwareletse bogosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : SEROWE
Event : Tekodiso
Date : 20 Sep 2017






