Breaking News

Dinah Mfulwane o latlhetse

20 Sep 2017

Molodi o mosesane wa lentswe le le tumileng thata mo thulaganyong ya Tatediso ya Dikgang ya Seromamowa sa Botswana, le tlaa tlhoafalelwa bobe ke ba le bantsi jaaka fa mme Dinah Mfulwane a tlogela tiro ka bogodi.

Mme Mfulwane yo o berekileng dingwaga di feta masome a mararo le botlhano o tlogela tiro ka bogodi morago ga go direla puso ka fa tlase ga lephata la dikitsiso, le mo sebakeng se se fitileng le neng le bidiwa la dikitsiso le seromamowa

Mme Mfulwane o simolotse tiro ka go direla mo mafelong a akaretsa Maun, Selebi Phikwe le Molepolole kwa a wetsang sebaka sa go direla puso a le teng.

Modiri yoo, yo o neng a simolola tiro ka go thapiwa a le morongwa, o supile mowa wa boithaopo jo bo godisitseng bokgoni jwa talente ya go bega dikgang ka botswerere jo bo neng jwa mo ngokela tatedi e e seng kana ka sepe.

A re o simolotse tiro ka go tsamaisiwa tshipidi ke Rre Epena Ngatangue yo mo nakong eno a eteletseng pele lekalana la BOPA ka fa tlase ga lephata la dikitsiso.

Mme Mfulwane o supile lorato lwa tiro ya dikgang ka go nna boineelo le pelotelele, segolo jang mo tirong e a neng a sa e rutelwa ya go kwala le go bega dikgang tsa DailyNews go akaretsa le thulaganyo ya Tatediso ya Dikgang.

O kaile fa nngwe ya dipego tse a di gakologelwang e bile di mo tiisa moko le go feta mo nakong tsa fa a santse a le mosha mo tirong e le ya go ralala segopa sa ditau, a aperwe ke poifo e kogolo go latedisa kgang e mo go yone mongwe wa badiri ba madirelo a bojanala kwa Moremi a neng a bolailwe ke tau.

A re kgang e, e ne e tshosa thata ka ebile a ne a tsamaya e le ene mme mo gare ga borre mo ditseleng tse di neng di sa tsamaege ba patelesega go tla ba ema go epa motlhaba o o neng o sa dire mosepele bonolo.

O bile a gakologelwa tiragalo e mo go yone a neng a tsaya boikarabelo jwa tiro e a neng a e dira ya go aba pampiri ya dikgang ka go laela mookamedi wa nako eo wa lephata la dikitsiso le seromamowa, Rre Mogolori Modisi go sala morago mola wa go ikopela pampiri ya dikgang fa a ne a leka go tsenelela ba ba neng ba emetse go thusiwa ka a ne a sa itse gore ke mang.

Mme Mfulwane o ne a nna le sebaka sa go tsenelela dithutuntsho tsa go kwala dikgang tse dineng di rulaganngwa ke lephata di akaretsa le go kapa dithwantsho.

 “E re ntswa re ne re sa rutelwa tiro ya bobega dikgang, re ne re rutuntshiwa ke babega dikgang ba nako eo borre Jerry Masete le Michael Dithakeng ba ba neng ba dumela mo dipegong tse di tlhapileng pele di tsena mo ditsebeng tsa bareetsi,” ga tlhalosa Mme Mfulwane.

E re ka jaana gotwe tsholofetso ga e tlhabise ditlhong, boineelo jwa ga Mme Mfulwane bo ne jwa mo tsisetsa maduo a go tlhatlosiwa maemo go nna Technical Assistant.

Dinah, jaaka badiri ka ene ba tlotlileng go mmitsa, o gwetlhile badiri ka ene ba ba magorogo masha mo tirong ya dikgang go semelela ka go eletsa go gola ka go itirela leina ka go jesa bareetsi monate mo dipegong tsa bone eseng fela go ikutlwa ba tlhagelela mo phefong.

Go ya ka Rre Jeremiah Senabye yo Mme Mfulwane a kileng a direla ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe kwa Selebi Phikwe le Molepolole, a re Mme Mfulwane e nnile mongwe wa badiri ba ba boikanyego, ka bonatla a le kelotlhoko e bile a itse go dirisanya thata le badiri ka ene.

Rre Senabye o tlhalosa fa Mme Mfulwane e ne e le modiri yo ba le bantsi ba ka ithutang go nna boineelo mo tirong ka ene ka go amogela thomo ya boeteledipele ka nako tsotlhe kwa tiro e neng e mo tlhoka teng

Lentswe la ga Mme Mfulwane le tlaa tswelela le agile mo ditlhaloganyong tsa bontsi jwa balatedi ba thulaganyo ya Tatediso ya Dikgang ka go mo itse thata e le Dinah Nfulwane yo e ya reng leina la gagwe le umakwa bontsi bo thaakanye ditsebe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 20 Sep 2017