Breaking News

Ngwana ke selwana -Kgosi

20 Sep 2017

Kgosi Olebogeng Mojuta a re ngwana o tlhoka bopelotelele, tlhokomelo le lorato gore a gole a nonofile mo tlhaloganyong.

Kgosi Mojuta o ne a bua jaana  kwa moletlong wa go abela bana ba mokgatlho wa Humana People To People ba le masome matlhano diaparo go tswa kwa badiring ba Banka ya ABC mo Selebi Phikwe.

O ne a tlhalosa fa mo nakong tse di fetileng ngwana a ne a kgalemelwa ke motsadi mongwe le mongwe mme mo nakong ya gompieno go sa nna jalo.

Kgosi a re se ga se ree gore batho ba ikgatholose go kaela bana tsela e e maleba ya botshelo.

Kgosi Mojuta a re go tlhokomela ngwana go tshwanetse ga tshwaraganelwa ke batsadi ka bobedi go netefatsa gore o gola sentle, a re se se ka fokotsa tshotlego ya bana mo go felelang e nna morwalo wa puso.

Kgosi Mojuta o ne a tlhalosa fa letlhoko e se boleo mme a kgothatsa setshaba go nna le lorato mo go ba ba tlhokileng lesego la go ka itirela gore ba kgone go lemoga fa ba amogelesigile mo setshabeng

Mme Faith Oteng, modiri wa Banka ya ABC mo Selebi Phikwe a re ba bone go tshwanela go araba kopo ya ga Tautona ka go lemoga bana ba ba nang le letlhoko mo tikologong e ba direlang mo yone ka go ba abela diaparo.  

Mme Oteng o tlhalositse fa puso e leka go tlhabolola matshelo a Batswana mme go le thata go fitlhelela mongwe le mongwe.

 A re e le badiri ba ABC ba bone go le botlhokwa go tsenya letsogo go thusa ka se ba nang le sone.

 A re ba ne ba nna le mogopolo wa go kokoanya diaparo le go kopa setshaba ka kakaretso go thusa ka se ba nang naso gore ba kgone go thusa bana ba ba nang le letlhoko mo toropong ya Selebi Phikwe.

Mme Oteng o ne a tlhalosa fa ba tlaa tswelela ba thusa bana bao ka fa ba ka kgonang ka teng.

Mokgatlho wa Humana People To People o tlhamilwe ka 2006 ka maikaelelo a go tlhabolola le go bopa matshelo a bana ba dikhutsana mo toropong ya Selebi Phikwe.

Mme Monica Bogatsu yo e leng mookamedi wa mokgatlho o tlhalositse fa ba itebagantse le go ruta bana ditiro tsa diatla jaaka go roka,go lema le go dirisa dikhomputara.

Mme Bogatsu a re babereki ba Humana People To People ke baithaopi ba dikitso tse di farologaneng mme ba le pelotelele go ruta bana gore ba tsoge ba kgona go fetola matshelo a bone le ba malwapa a bone ka dikitso tse ba tla a bong ba di amogetse.

Kwa bofelong Mme Bogatsu o ne a supa fa a le motlotlo go bona dikhamphani ka go farologana di otlolotse letsogo go thusa mokgatlho,a re se se supa fa setshaba se kgatlhala ka matshelo a bana bao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo dimpho

Date : 20 Sep 2017