Breaking News

Monana kwa Francistown o thusa ba ba tlhokileng lesego

20 Sep 2017

Batswana lefasthe ka bophara ba atlile mokgosi wa ga Tautona wa go thusa ba ba tlhokileng lesego.

Batswana ka bongwe ka bongwe le dikhamphane ka go farologana ba tsweletse ka go tsibogela mokgosi oo.

Mongwe wa Batswana ba go nna jalo ke monana kwa Francistown, Rre Modiri Marotsi yo o tlholegang kwa Makaleng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Monana yo, wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe, o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong gore fela jaaka Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama a kgathala thata ka matshelo a batho ba gagwe ka go nna a ba abela dimpho di akaretsa dijo, dilwana, matlo le dikobo le ene fela jalo o ne a gwetlhega go tsaya malebela go direla bangwe ka ene bomolemo, a dira jalo ka go eteletsa mowa wa boithaopo le mautlwelobotlhoko.

“Ke gwetlhilwe ke bopelontle jo bo dirwang ke Tautona wa rona a supa fa a kgathala ka matshelo a setshaba ka kakaretso ka go leka go fetola seemo sa bone sa botshelo ka go ba abela tse di tlhokegang tsa botshelo,”ga tlhalosa jalo Rre Marotsi.

O tladitse ka go re o ne a bona gore le ene a tsibogele mokgosi a netefatse gore ba ba tlhokileng lesego ba bona thuso gore kgabagare ba nne le seriti mo matshelong a bone ka kakaretso.

O akgotse Tautona a re se a se dirang ke sesupo sa gore o lemoga bo leng teng jwa bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mme e bile o itse fa re sa lekane re se meno.

Rre Marotsi o itlhophetse go nna a abela ba ba tlhokileng lesego dijo, melora e e thapang ga mmogo le go abela baithuti ba ba basetsana mesangwana e ba e dirisang ba setse ba le mo setswalong.

Mo nakong eno, monana yo o setse a abetse baithuti mo dikoleng mesangwana ya setswalo e le makgolo mabedi, a abela le bagolegwa ba kgolegelo ya Gerald melora ga mmogo le go abela malwapa mangwe dijo.
O boletse fa a kgona go diragatsa maiteko a gagwe ka go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a amogelang kwa a direlang teng kwa Peolwane Travel and Tours e le mogolwane.

A re gape o diragatsa e le moletsi mme letseno le a le dirang o tlatsa ka lone.

O tlhalositse gape fa ba khamphane e a direlang mo go yone le banana bangwe ka ene e bong Tshepho Nakedi, Neo Mbulawa le Ofentse Delu ba lemoga maiteko a gagwe a go direla setshaba ka jaana ba aga ba mo ema nokeng gope kwa a yang go atolola letsogo la gagwe teng.

Rre Marotsi o tlhalositse fa e re le ntswa a lebagane ke kgwetlho ya letlhoko la barotloetsi mo go se a se dirang, ga a kitla a boela morago go tswelela a dira pharologanyo mo matshelong a Batswana ka karetso. A re o eletsa go tsamaya a thusa setshaba lefatshe ka bophara.

Monana yo, o kopa Batswana ka ene go tswelela ba supa mowa wa bopelotlhomogi le mautlwelo botlhoko mo go bao ba ba tlhokileng lesego.

A re go dira jalo e tlaa bo e le tsela nngwe ya go supa fa ba tshela tebelopelo ya setshaba ya go nna tshaba e e kgathalang ka motshelo a ba bangwe e bile e le kutlwelo botlhoko.

O tlhalosa fa go thusa mongwe ka wena go sa reye gore o a bo o na le madi a mantsi, a bolela fa go fa motho yo mongwe lerato la Modimo e le mpho e e faphegileng ka se tlaa mo dira gore le ene a ipone a lemotshega mo setshabeng.

O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa thuso epe fela mo Modimong e le botlhokwa mo go yo a e amogelang le mo go wena gape ke go ikopela masego le matlhogonolo ka jaana go le lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : FRANCISTOWN

Event : Kabo dimpho

Date : 20 Sep 2017