Breaking News

Maduo a mantle a simolola kwa lapeng - Goya

20 Sep 2017

Tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Moiseraele Goya a re maduo a mantle a bana ba sekole a simolola kwa lwapeng.

Tona o tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go itse gore ngwana o tsenngwa mo tseleng pele ga a ya go tsena kwa sekoleng gore tiro ya barutabana e nne motlhofo.

A re ke ka moo Setswana se reng ngwana o godisiwa ke motse mme ka jalo ba tshwanetse go itse gore ba tlamega go tshwaraganela bana le barutabana.

Fa a buisana le morafe wa Middlepits bosheng, Rre Goya o tlhaloseditse batsadi gore ba emise mogopolo wa go latlhela bana kwa sekoleng mme e re morago motho a seke a ne a nna le nako ya go ya go tlhola gore ngwana o dira jang mo dithutong.

A re se se ngomolang pelo ke gore batsadi bangwe le fa ba bidiwa kwa sekoleng ga nke ba tsibogela pitso eo, mme a re ke sone se o bonang ka dinako tse dintsi bana ba felela ba tswa mo tseleng.

O boleletse batsadi gore go ya kwa pele puso e tsere tshwetso ya gore fa bana ba ba sa utlweng ba senya dithoto tsa puso jaaka go thuba matlhaba phefo le tse dingwe, batsadi ke bone ba tlaa duelelang ditshenyegelo tseo.

A re batsadi bangwe ba palelwa le ke gone go netefatsa gore fa ngwana a ya sekoleng phakela ba mo direle motogo, a tlhalosa gore ke sone se bana ba felelang basa dire sentle mo dithutong tsa bone.

Rre Goya o tlhalositse fa puso e lekile ka bojotlhe go atametsa bana ba mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa sekole se se golwane kwa Tsabong ka ba ne ba tsamaya sekgala go ya kwa Matsha go tsweledisa dithuto tse di kgolwane.

Ene e rile gole pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse a bolela fa ba lebogela puso go simolodisa lenaneo la thuto gotswa kwa moding, are le bone ba setse bae simolotse.

O lebogetse puso gobo e tokahaditse maemo a sekolo sese golwane sa motse oo sa Kgolagano.

Modulasetilo o tlhalositse fa barutabana ba sekolo seo ba sena boroko mme are ba kopa gore puso eba thuse ka boroko jwa barutabana.

Tona one a tlhalosa gore ka gore puso eba letleletse go reka matlo a lephata la Botswana Housing Cooperation, ba tlaa leka ka thata go reka a mararo aa mo motseng oo go leka go hokotsa mosuke oo kwa sekolong.

Ba Middlepits ba kopile puso gore eba thuse ka sekolo se se botlana sa bana ba ba nang le bogole ka gore sese teng mo kgaolong se kgakala kwa motseng wa Tsabong mme sesa ba solegele molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : MIDDLEPITS

Event : Puisano

Date : 20 Sep 2017