Breaking News

Go sego letsogo le le abang...

14 Sep 2017

Go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

E o ya bo e le pina e e opelwang ke Rre Mothaba Matsaudi wa kgotla ya Boseja kwa Maun morago ga gore a fe Tautona Lt Gen. Dr Seretse khama Ian Khama, mpho mme morago a amogele tse dikgolo.

Rre Matsaudi yo o dingwaga tse di masome mararo le bone o tlhaloseditse BOPA mo potsolosong bosheng,  fa a ne a betla tafole nngwe e e faphegileng e le mpho ya ga Tautona morago ga go utlwalela fa Tautona a tlaa tla a buisa phuthego ya kgotla kwa Motopi.

A re o ne a betla tafole eo ya tlhwatlhwa ya P300 mme ka maswabi Tautona o ne a seka a buisa phutlego ka gore o ne a tshwerewe ke ditiro tse dingwe mme seo sa seka sa mo kgoba marapo ka o ne a kopana le bogogi jwa motse ba ba neng ba mo thusa mme tafole eo ya goroga kwa go Tautona.

“E ne ya re morago ka amogela mogala go tswa kwa mokwaleding wa go Tautona mme ka mo tlhalosetsa gore ke mmetli mme ke tlhoka didirisiwa dingwe gore kgwebo ya me e tswelele,” ga bua Rre Matsaudi.

Rre Matsaudi o tlhalosa gore ka boammaruri Tautona o ne a mo rekela didirisiwa tse a di tlhokang tse tlhwatlhwa ya tsone e neng e feta P70 000, selo se a reng e ne ya nna thuto e tona mo go ene ya gore fa mongwe a go thusitse le wena fela jalo o tshwanetse wa mo leboga ka se o ka se kgonang.

A re tafole eo e fetotse kgwebo ya gagwe e a supang fa jaanong e mo direla dikgolo.

O ne a tlhalosa fa a ise a kopane matlho a phage le Tautona mme a santse a batla go mo fa mpho e nngwe gape ya setilo sa Setswana go supa gore o dirile phetogo e tona mo botshelong jwa gagwe.

Rre Matsaudi a re tiragalo eo e rotloetsa mowa wa go aba, a re go tsamaya ga ga Tautona mo dikgotleng a lekola le go abela bagolo le ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ke thuto e e tshwanetseng ya tshegediwa ke Batswana botlhe.

A re le fa Tautona a tlogela setilo ngwaga o o tlang motlhala wa gagwe o setse o bonala. Ends

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : MAUN

Event : potsolotsong

Date : 14 Sep 2017