Breaking News

Lekgotla la ditlhopho le semeletse

20 Sep 2017

Mogolwane wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho wa kgaolo-potlana ya Palapye,  Rre Molathegi Baloi o lekodisitse maloko a komiti ya tsamaiso ditlhopho e e bopilweng ka   diphathi tsa sepolotioki le makalana a puso a a farologanyeng ka ikwadisetso ditlhopho  tsa setshaba tsa 2019.

E rile a lekodisa komiti eo a tlhalosa fa go ya go simololwa ikwadiso ngwaga o o tlang Lwetse e thola malatsi a le mararo go ya kwa go Ngwanaatsele a le lesome le bongwe 2018.

O ne a supa fa lebaka la go kwadisa le ya go nna le leele ka go sena go nna le kwadiso ya poelelo, mme a re malatsi otlhe a kgwedi go balelwa le mafelo a beke a ya go dirisiwa go kwadisa.

A re go nna teng ga maloko a komiti eo go botlhokwa ka ke bone ba ka tswang ka megopolo ya go tokafatsa seemo le go isa molaetsa kwa batlhophing.

A re megopolo le dikakanyo tsa bone e le komiti di ka ba direla tiro motlhofo e le ba ofisi ya ditlhapho le gone gore batho ba ba utlwa botoka go na le bone.

O ne a supa fa ba ya go dirisa banana ba ba se ng mo ditirong ba dirile mophato wa botlhano fela jaaka go ne ga dirwa ka kwadiso ya ditlhopho tse di fetileng.

O ne gape a supa fa ba ya go thapa le bagolwane ba ba tlaa etelelang bana bao go ba kaela le go ba thusa fa batlhaelang kitso teng, lentswa batlaa bo barutuntshitswe.

Rre Baloi o ne a supa mathata a ba kopanang le one a boitseme jwa banana, go latlhelela tiro le go iphetisa dino  fa basena go neelwe dikatso tsa bone mo go felelang go ama tiro ya bone, le gone gore gosantse gona le boitseme jo bontsi ka nako ya ikwadiso batho ga basathole baikwadisa ka dipalo tse disolofetsweng, mme a kopa ba di phathi tsa sepolotiki go bathusa ka gokgotlhatsa batho go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo fa ikwadiso e simologa.

Rre Baloi o ne gape a re go filwe mokwaledi wa lekgotla leo boikarabelo ja gorurufatsa gore ditumelano di dirwa ka mokwalo la bao ba bayang gotlhapiwa, goitsa ketsaetsego e e kannang teng morago ga phiro.

Rre Baloi one gape a lekodisa maloko ka diphetoga  mo melawananeg le ditemaneng dingwa tsa ditlhopho ,golebeletswe dikotlhao tse motho aka di othaiwang fa a ka tola molao wa tsamaiso ya ditlhopho, bontsi ja diphetogo bo supile fa go godisitswe dikotlhalo tsa dituelo gomenaganya seo ele gone goleka gore batho badire tse ditshwanetseng gore Kagiso le thitibalo ya lefatshe leno e akolwe ke botlhe ka kgololesego ba sa kgopakgopediwe ke sepe, e bile basireleditswe ke molao.

Maloko a ne a dumelana le mogolwane wa lekgotla la ditlhopho mme ba re bana barutuntshiwe, le gone gore ba ba setseng ba le mo mananeong a mangwe a puso jaaka tirelo setshaba ba seka ba thapiwa gape mo go kwadiseng ditlhopho jaaka gone ga diragala ka ikwadiso ditlhopho tse di fetileng.

Bangwe ba ne ba re bana ba duelwe bontlha bongwe jwa madi pele ga ba simolola tiro  gore ba kgone go reka dijo le melora.

Ba ne gape ba re go tsenngwe leitlho mo baneng ba ba thapiwang gore boitshwaro jwa bone ke jo bo letlelesegang ka nako tsa dithutuntsho.

Fa a araba, Rre Baloi o ne a re go duelela banana kwa pele go ka tsenya lekgotla mo mathateng, ka bangwe ba ka nna ba seka b anna teng morago ga go duelwa, mme seo e nne boikarabelo jwa gagwe gore madi a puso o a tsaya kae, gape ke bodiredi jwa nakwana. Ends

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tekodiso ya maloko a komiti e tsamaisang ditlhopo

Date : 20 Sep 2017