Breaking News

Merogo e tlodisa monana melatswana

20 Sep 2017

E rile go wetseng dithuto tsa gagwe, monana Luka Rapson a leka go batla tiro mme a itaya sefololetse.

A re o ne a seka a tsaya letlhoko la tiro e le seipato mo go tsweleleng pele ga botshelo jwa gagwe, ka jaana a ne a itse ka tlhomamo go na le ditsela di le mmalwa tse ka tsone a ka itepatepanyang le tsone go ipetlela bokamoso.

O bolela gore e rile morago ga moo, o ne a tlelwa ke mogopolo wa go tshela ka mowa wa bopielego, mme ke fa a tsaya temo ya merogo e e neng e dirwa ke rragwe, Rre Kapena Rapson ka tlhwaafalo.

Temo e ya merogo,e ne e le yone e tshetsang ba lelwapa la bone ka kakaretso.

“Nna ke godiseditswe mo lwapeng la botsadi jo bo neng bo tumile mo mererong ya tsa temo-thuo, ka jalo ke ne ka bona go le maleba go nna tsala e e gaufi le ntate gore a ntlhatlhelele maele le botsipa jo bo tseneletseng jwa go lema merogo,” ga tlhalosa jalo Rre Luka.

O tlhalosa fa rragwe le ene a ne a lemoga maikaelelo le lenyora la ngwana wa gagwe go dira temo ya merogo e le seikokotlelo sa gagwe sa botshelo. Mme o ne a seka a mo itsapela, a mo dira tshipidi tonto go fitlhela a itse ka tse di tlhokegang mo go lemeng merogo.

O bolela fa go tloga foo, go lema le go rekisa merogo ka go farologana e ne ya nna tiro ya bone ya tsatsi le letsatsi, mme e bile theko e ne e le e e nametsang.

Rre Rapson a re ka 2013, rraagwe o ne a mo rolela marapo go tsweledisa kgwebo ya bone, ka bogodi bo ne bo itelekela a sa tlhole a kgona jaaka pele.

O bolela fa rragwe mo nakong eno, a le dingwaga tse di masome marataro le borataro. O tsweletse a supa fa e sale rraagwe a mo rolela marapo, a ne a itoma molomo wa tlase go ntsha maduo gore a seka a swabisa ene rraagwe yo a mo kwata bololetseng botsipa. Mogwebi yo, o tlhalositse fa kgwebo e e tsweletse sentle, ka e mo thusa go bona letseno le ka lone a le dirisang go tlamela ba lwapa la gagwe mme e bile a paka fa e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane.

“Ke setse ke kgonne go ithekela dikoloi tse pedi, mme e bile ke dirile ditlhabololo mo tshimong e jaaka go gokela motlakase,”a bolela jalo.

Monana yo o tlhalosa fa go atlega ga gagwe e le go bo a ne a eteletsa lerato, bopelotelele, boineelo le gone go dira ka botswapelo mo kgwebong ya gagwe.

A re gape o ne a na le thotoetso e e nitameng go tsweng mo botsading jwa gagwe.

Ka jalo o rotloetsa banana ka ene go gwetlhega go nna le lerato, maikaelelo le maitlamo mo go sepe se ba eletsang go se dira go itshetsa.

A re banana fa ba eletsa go tsena mo kgwebong epe fela, ba kgothale go inaakanya pele le bagwebi ba kgwebo ya go nna jalo gore ba ba abele dikitso le maele.

O gatelela fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

A re le ntswa a kwataboloditse mo go rraagwe, o ntse o tsweletse ka go kopa thuso mo bagakeng ba balemi ba merogo jaaka Rre Andrew Ncube wa Shashemoke.

Rre Rapson o pakile gore fa temo-thuo e ka tsewa ka tlhoafalo e ka nna le bokgoni go namola Batswana ka kakaretso mo lehumeng le le tseneletseng.

A re temo thuo e ka thusa go bula diphatlha tsa ditiro, a re ene o setse a thapile badiri ba le batlhano, mme e bile a na le maikaelelo gore a atolose kgwebo ya gagwe gore a tle a kgone go ooketsa badiri.

O bile a tswelela a gwetlha banana lefatshe ka bophara, go tlogela mowa wa gore temo thuo e a berekisa e na le dikgwetlho.

O tlhalosa gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, temo-thuo le yone e na le tsa yone. Mme o supile gore fa motho a na le maitlamo le maikaelelo a go nna mogwebi wa tlhwatlhwa, o tshwanetse go ikemisetsa dikgwetlho dipe fela tse di ka tlhagogang go sa kgathelesege gore di bokete bo kae.

Rre Luka a re ke nako gore banana ba ikemele ka dinao, go netefatsa gore bokamoso jwa bone e nna jo bo faphegileng. Tshimo ya ga Rre Luka e kwa Shashemoke go bapa le noka ya Shashe, e a dirisang metsi a yone go nosetsa.

O lema spinach, rape, carrots, kwii le green pepper ga reng ga merogo e mengwe.

A re o rekisetsa Batswana ka bongwe ka bongwe, bagwebi ba ba botlana ga mmogo le marekisetso a Choppies, Shoprite le Spar kwa Francistown. Ends

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SHASHEMOKE

Event : Potsolotso

Date : 20 Sep 2017