Barui ba ditonki ba batla tlhwatlhwa e okediwa
14 Sep 2017
Barui ba ditonki ba kopile puso go ba okeletsa tlhwatlhwa ya thekiso ya tonki ba kaya gore se ke sone se ka dirang gore tonki e tsewe ka tlhoafalo fela jaaka leruo le lengwe le tshwana kgomo.
Barui ba buile jaana mo thutopuisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Molepolole go rutuntsha barui ba ditonki le ba ba gwebang ka thekiso ya tsone ka Labobedi.
Dibui ka go farologana ba supile botlhokwa jwa tonki le tiriso ya di-tswa tonking tse di farologaneng tse di dirang seruiwa se botlhokwa le go feta le fa ntswa phologolo e, go tswa goo lowe e sa tsewe ka tlhoafalo ebile e sotlakwa ke bao ba e ruileng.
E rile fa a bua, ko bokopanong joo, mothusa mokwaledi mo lephateng la temo thuo, Dr John Moreki are di thuto seka dipuisanyo tse dikgwetlhilweng ke gore e ne yare puso e sena go lemoga tiragalo e e tsitsibanyang mmele e e diragaletseng ko toropong ya Francistown.
A re go ne ga fitlhelwa mogwebi mongwe a tlhatlhetse ditonki di le makgolo matlhano mo setsheng sengwe a ditshwere makgwakgwa. Ditonki tse go fitlhetswe di bolailwe bosetlhogo go tsewa matlalo a tsone go ya go rekisiwa fa tse dingwe di ne di swa ka lebaka la tlala le lenyora.
Se Dr Moreki are se ne sa gwetlha puso gore e tsibogele seemo ka go fitlhetswe di ne di bolaiwa bosetlhogo jalo go rekisa matlalo a tsone a go utlwalegang a rekwa ka ditlhwatlhwa tse di ko godimo thata ko mafatsheng a Asia go dira melemo.
Se se bakile puso go nama e emisitse thekiso ya tonki gotlhelele ntleng fela fa motho a ka e bolaela go ja le ba lelwapa la gaabo.
O tsweletse ka gore, kgwebo e, go ne ga lemosega fa jaanong thekiso ya tonki e ne e dirwa thata ebile e rotloetsa bogodu jwa tsone mo go neng go ka baka go nyelela ga seruiwa se mo dikokomane di neng di ka sefitlhele sepe mo isagong.
Mo bogompienong, Dr Moreki are puso ga e ise e ntshe taelo ya go bulela theko go fitlhelela nako e e tla bolelwang go leka go oketsa tsadiso ya tsone.
Le fa go ntse jalo, barui ba buile maikutlo a a farologaneng.
Barui ba ditonki ba lebogetse dithuto fela thata. Ba bile ba gatelela gore puso e gagamaletse bao ba ba kgokgontshang ditonki le ba ba di utswang.
Bagwebi ba tonki le bone ba kaile matshwenyego a bone ka jaana dikgwebo tsa bone ditswetswe. Mongwe wa bagwebi bao jaaka rre Thebeyame Molefhe o gateletse gore a molao o diragadiwe mo bathong ba ba tlolang molao.
A re go le gantsi tonki ga e tshwaiwe sentle.
O buile gape gore go nne le selanyo sa sekale sa thekiso ya tonki gore bareki le barekisi ba rotloetsane.
Rre Molefhe gape ere ntswa go builwe ka botlhokwa jwa tonki le gore e bogadi bogaufi, o kopile puso go bua le makalana a kadimiso ya madi gore le bone ba bone botlhokwa jo ka jaana ene erile fa a simolola go rekisa nama ya tonki go ne go sena banka epe kgotsa lekalana lepe la tsa madi tse di mothusitseng ka jaana ba ne ba sa akanye fa tonki e ka nna le mosola.
O kopile gape gore banana ba adimiwe madi ba fiwe dipolasi ba rue ditonki ba tsene mo kgwebong e go bolelwang e na le letseno le le kalokalo.
Rre Selalelo Mpotokwane go tswa ko lekalaneng la dipatlisiso tsa dijo, le ene o iteetse kobo moroko ka botlhokwa jwa di tswa tonking segolobogolo tse di jewang.
A re go jewa ga tonki go tumile thata ko mafatsheng a Bophirima mme bosheng, go jewa ga ditswa tonking go setse go atla mo fatsheng leno.
Ka jalo o rotloeditse gore beng gae le bone ba tsene mo kgwebong e ka nama ya tonki le mashi a teng go bolelwa di dira dijo ka mefutafuta.
O file sekai are nama ya tonki e ka dira dinama ka mefuta di tshwana dipolone disalami digwapa, le mokungwana mo go tse dingwe. Mashi le one o kaile fa a ka remisiwa a dira di cheese, mashi a boupi, dichokolete le dino tsididi le go ka dirisiwa e le metswako mo dijong tsotlhe tsa menate tse motho a ka di akanyang. Ends
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Dithuto puisano
Date : 14 Sep 2017






