Breaking News

Monana o itshetsa ka digwapa

14 Sep 2017

Banana ba tsweletse ka go intsha mo lehumeng le mo mekgwatheng ka go akola mananeo a puso.

Mongwe wa banana bao ke wa Molepolole kwa kgotleng ya Goo- Khunou Mme Kefilwe Lekula yo o thusitsweng ka lenaneo la lephata la banana la go adima banana madi go itshimololela dikgwebo. O tlhalositse fa a adimilwe madi a kana ka P99 989 ka jalo a itshimololela kgwebo ya leina la Cactus Biltong e e itebagantseng le go dira digwapa tsa nama ya kgomo.

Mo potsolotsong le monana yo, yo o dingwaga di masome mararo le bobedi o tlhalositse gore pele ga go thusiwa ka lenaneo le o ne a bereka Ipelegeng nako yotlhe morago ga go felela mo mophatong wa bobedi.

A re morago ga go babalelwa ke manokonoko a go tlhoka, a ipolelela gore o ka seked a bereke Ipelegeng botshelo jotlhe, ka jalo a re o ne a tsaya nako a etela kwa ofising ya lephata la banana a ya go ba botsolotsa ka mananeo a banana. A re morago o ne a ikwadisa a kopa go thusiwa ka lenanneo la go adimisiwa madi go itshimololela kgwebo ya go dira digwapa.

O ne a gakolola banana ka ene go tlogelela bagolo ipelegeng go tla e berekwa ke bagolo fa bone batshwanela ke go inaakanya le go tsaya mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.

O tlhalositse gore le fa a thusitswe ka madi ao ngwaga tlola, kgwebo e simolotse go dira ngwaga o fetileng ka kgwedi ya Seetebosigo ka go ne go na le makgwere a go bona didirisiwa tsa tsa kgwebo ya gagwe ka tlhwatlhwa e e botoka.

A re o simolotse kgwebo e morago ga go lemoga gore ga go na dikgwebo tsa go tshwana le ya gagwe mo motseng wa Molepolole ka jalo a re e farologana le bontsi ba dikgwebo. A re go tlhopha dikgwebo tse di pharologanyo go rotloediwa thata ke lephata la banana. O supa fa kgwebo e tlhoka lorato le kgatlhego ya go dira, ka jalo a re kgwebo e ya gagwe ka a e tlhophile a e rata ga e mo lapise. A re mo nakong eno o rekisetsa mabentlele, marekisetso a bojalwa le batho ka bongwe ka bongwe.

Fa a tlhalosa ka thulaganyo ya go dira digwapa, o tshwaetse gore o reka nama ya kgomo e e sa tswang go tlhabiwa ko marekisetsong a nama go tla a e segelela ka bosesanyane mme morago a e tsenye metswako e e natetshang kana di spice a bo a e latsa mo setsidihatsing gore metswako eo e tsenelele mo nameng. A re mo letsatsing le le latelang o a e ntsha a bo a e tsenya mo mochineng o o omisang nama selekanyo sa malatsi a mabedi le sephatlo. A re fa digwapa tseo di sena go oma di mo seemong sa go ka jewa mme ka jalo di tsenngwa mo mephuthelwaneng go rekisiwa.

A re dikgwetlho di nna di le teng ka dinako tsotlhe, mme monana yoo o tlhalositse gore metsi ga a tshwanela go tlhokafala mo kgwebong a re fa go nna jalo sengwe le sengwe sa ema ka a re lefelo le didirisiwa di tshwanetse go nna phepa nako tsotlhe mme le diatla di tlhapiwa kgapetsa. O supile fa kgwetlho e nngwe  e le motlakase gore fa o kgaoga digwapa di santse di le mo mochineng o omisang di a senyega ka jalo seo e le tatlhegelo mo kgwebong. Mo gongwe o tshwaetse gore fa go le leuba  nama ya dikgomo ka di a bo di bopama e nna dintha ka jalo a re nako ya leuba ke  ya tatlhegelo mo kgwebong.

A re ba lelwapa la gagwe ba mo ema nokeng ka ba mo fa thotloetso le thuso fa go tlhokega, bogolo jang fa batho ba dirile dikopo gore ba tsisediwe digwapa ka bontsi. Ends

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 14 Sep 2017