Breaking News

Berekang ka natla go direla morafe - Tshireletso

14 Sep 2017

Mothusa tona wa lephatala la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o kgothaditse maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go bereka ka natla go direla morafe o o ba romileng. 

Mme Tshireletso o buile jaana mo tekodisong le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Serowe ka Labobedi. 

O tlhalositse fa a lemoga dikgwetlho tse di ba amang mo tirong, mo go thuseng go tlhabolola motse. 

“Ke kopa gore go nne tirisanyo mmogo fa gare ga lona, dikgosi le makhanselara,” a supa. 

O gakolotse fa komiti ya ditlhabololo e sa tshwanela go kgaphela dikgosi le makhanselara kwa thoko ka se se dia ditlhabololo tsa motse. 

Mme Tshireletso o tlhalositse jaana, morago ga komiti e e akaretsang dikomiti tsotlhe tsa Serowe, e retelelwe ke go ntsha pego ya seemo sa ditlhabololo tsa motse. 

Mothusa tona o supile fa go na le batho ba ba nang le bokgoni mo motseng, mme ba ithuntshitse go nna karolo ya komiti ka ntlha ya go bo ba na le tshepo mo go bone. 

O tlhalositse fa tsamaiso ya dikomiti tsa ditlhabololo e fetogile mme e tsamaisiwa ka molao o o tsamaiso dikgaolo. 

“Komiti ya ditlhabololo ke matlho a lephata la dikgaolo le tsamaiso magae, le khansele,” a supa. 

A re go ntse jalo ka go bo motho wa ntlha go itse gore ditlhabololo di ka dirwa kae, go itse masiela, batlhoki, le go lemoga gore mananeo a dirwa sentle mo motseng gantsi ke maloko a komiti ya ditlhabololo. 

“Komiti ya ditlhabololo ke mmabana, mmabatho, mmametse, jalo ke lo kgothatsa go dira ka natla go tlhabolola matshelo a batho,” mothusa tona a tlhalosa a bo a kopa gore dikomiti di itirele ditogamaano tsa bone tse di sa amaneng gope le mananeo a Ipelegeng. 

“Go na le tiro e ntsi e lo ka e dirang go supa gore lo teng e le ya merafe ya lona ka madi a dithotloetso le a matlo a lo a hirisitseng,” a tlhalosa. 

O kopile dikomiti go dirisana le morafe go batlisisa ditlhabololo tse ba ka di dirang mo motseng. 

“Morafe o na le seabe sa go akantshanya le mokhanselara, kgosi le mopalamente ka komiti ya ditlhabololo tse di ka dirwang,” a supa. 

Mme Tshireletso o gakolotse maloko gore madi a komiti a ka dirisediwa ditlhabololo tsa sennela ruri fela e seng sepe gape. 

A re ba seka ba lwela madi a ditlhabololo a a filweng mapalamente, mme a supa fa ba na le tshwanelo ya go gakolola le go tsenya matlho mo tirisong ya one. 

O gakolotse gore ka komiti eo e le ya boithaopo, go na le bangwe ba ba ikaeletseng go ja madi ao, a tlhalosa fa e le a Setshaba. 

“Morafe o a lela gore ga lo tshware dilo ka tsamaiso e e solofetsweng, bangwe ba lona ga lona boammaruri, e bile ga lo na boikarabelo jwa dithoto tsa dikomiti. Lo ipeile kwa godimo ga batho ba ba lo tlhophileng,” a supa. 

Mme Tshireletso o kgadile botlhe ba ba dirisang boloko jwa bone go diragatsa dikeletso tsa bone tsa sepolotiki, a tlhalosa fa seo se sa letlelesege. 

A re go na le molao o o tlhamaletseng gore ba ba tlolang molao, ba sa itshware sentle, ba le kgatlhanong le maikaelelo a komiti e bile boitshwaro jwa bone bo tlontolola, mmaboipelego o letlelesega gore ba ka rolwa maemo a bone a boloko. 

“Lo tshwere madi a Setshaba, mme ga lo a tlhokomele e bile ga lo lekodise Setshaba ka one,” a supa. 

Bontsi jwa maloko bo ne bo supa fa ba sa itumelele tirisano mmogo ya bone le bommaboipelego ga mmogo le khansele ba re mananeo a nyeletso lehuma a teng mme ga a ba tswele mosola ka ba sa bone dithuso. 

Mokhanselara wa Kgosing, Rre Lesego Raditanka, o kopile maloko go itshekatsheka le go ipaakanya gore ba dire dilo sentle. 

O supile fa phuthego ya bone le mothusa tona e ne e le botlhokwa ka e ba butse matlho gore dilo dingwe ga di dirwe sentle. 

Rre Raditanka a re dikgosi di tshwanetse go fiwa tlotla le tlhompho ka go rerisiwa ka dithulaganyo tsotlhe tsa komiti ya ditlhabololo. 

“Re tshwanetse go dira mmogo re tshwaragane, tsosoloso e mothusa tona a e dirileng e, e botlhokwa,” a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : SEROWE

Event : PHUTHEGO YA VDC

Date : 14 Sep 2017