Mzwinila o kopile banana go tswa ka megopolo
14 Sep 2017
Banana ba Mmadinare, Sefhophe, Tobane, Robelela, Damochojenaa le Tshokwe kwa kgaolong ya Mmadinare ba kopilwe go tswa ka megopolo e ba bonang e ka tokafatsa mananeo a ba a neelwang.
Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o buile jaana kwa moletlong o o neng o ngokile banana ba metse eo kwa Mmadinare ka Labobedi.
Rre Mzwinila o tlhalositse fa go le botlhokwa go nna ba kopana le banana go utlwa megopolo ya bone ka fa ba bonang dilo di ka dirwa botoka ka teng gore ba kgone go akola maduo a mananeo a puso.
A re letlhoko la ditiro le amile thata banana ka e bile e le bone ba bantsi ka dipalo.
Rre Mzwinila a re go lemoga seo, puso ga e a ka ya itlhokomolosa mme e ne ya tswa ka mananeo a a lebaneng banana le fa bangwe ba sa a tsee ka tlhwoafalo.
A re bangwe banana ba tsweletse sentle mo dikgwebong e bile ba setse ba duetse bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba thusiwa ka one mme seo se tlaa thusa gore ba ba iseng ba bone thuso ba kgone go thusiwa.
Rre Mzwinila o ne a supa fa Mme Naledi Sobeya wa Bobonong yo e leng mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la banana ka 2012 a kgonne go simolola kgwebo ya go loga moriri mme a tsweletse sentle e bile a setse a busitse madi a a neng a tshwanetse go a busa.
Rre Amantle Kasha yo o neng a bua mo boemong jwa banana ba Mmadinare, o supile fa ofisi ya banana e tsaya nako go fetola dikopo mo ba felelang ba latlhegelwa ke tshepho mo go se ba eletsang go se dira mme a kopa gore seo se tsibogelwe.
Rre Moesi Mosinyi, monana go tswa kwa Damuchujenaa a re ba na le keletso ya go tlhabolola metse ya bone mme ba palediswa ke lobaka lo loleele lo lo tsewang ke lephata la ditsha go ba abela ditsha.
Rre Mosinyi a re gore monana a bone thuso kwa ofising ya banana fa a batla go simolola kgwebo, o tshwanetse go bo a na le lefelo le a direlang mo go lone.
A re selo se se felela se ba kgoba marapo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : PITSO YA BANNA
Date : 14 Sep 2017






