Mapodisi a rotloetsa ngwao
13 Sep 2017
Mapodisi a Sejelo mo Kanye a sa tswa go rotloetsa ngwao ya Sengwaketse ka go supa kapari, dijo, poko le metshameko.
Motswarelela kgosikgolo ya Gangwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi, o galaleditse mapodisi a Kanye, a bolela fa ba dira sentle ka go supa ngwao mo tirong, go nna sekao mo badirelapusong ba bangwe fa ngwao e le pinagare ya setshaba sengwe le sengwe.
Kgosi Mookodi o boletse fa Tautona a rata ngwao mo go itumedisang, ke ka moo magosi le one a mo emeng nokeng thata, ka go rotloetsa ngwao e e setseng e nyelela ka monokela.
O boletse fa dikgosi di ne di bolotsa mophato, bogwera, bojale le go kua dikgafela e le ngwao e batsogapele ba tswang kgakala ka yone.
O boletse fa badirelapuso ba tshwanetse go supa dingwao tsa bone ka gore ba bereka ba farologane.
O boletse fa bogologolo ngwana wa mosimane a sa tswelwe ke letsatsi mo ntlung.
O boletse fa mo ngwaong, mosadi fa a itsholofetse a sa ralale dikgomo ka gore ga go a siama dikgomo di ka lwala.
Kgosi o boletse fa go ya kwa dintshong go na le kapari ya teng, fa morafe wa Basarwa o na le ka fa o dirang ka teng mabapi le go alafa le go tsoma.
O boletse fa bogologolo bana ba ne ba sa je telele le diphilo.
Kgosi o boletse fa setilo sa dikgole e le sa borre fa diphate e le tsa bomme.
A re ka Sengwaketse nyalo ya teng, monna o ntsha kgomo tse di ferang bobedi le mokwele.
O ne a tlatsa ka go re mosadi ke thari ya setshaba.
Mogolo wa motse, Rre Motswakgakala Sealetsa o boletse fa bogologolo borukutlhi bo ne bo se bontsi, ka gore go ne go na le ka fa morafe o thayang malwapa ka teng ka melemo wa Setswana.
Rre Sealetsa a re go ne go sena setsidifatsi mme bagologolo ba ne dira gore dijo di bolokesega, jaaka nama e dirwa digwapa, lengangale go tswa mo lerotseng, tshwabi le madila.
O boletse fa sekole sa bojale le bogwera go ne go rutwa bana go itshwara sentle ka molao wa Setswana, fa botsetse bo ne bo beiwa ke bagolo bogolo basadibagolo, go ne go beiwa mopako fa kgorong.
Go na le Setswana se se reng ‘go loma sebetlela’ pele ga motho a beiwa setsha.
Seo go dirwa gore malwapa a lomagane thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Moletlo wa Ngwao
Date : 13 Sep 2017






