Thuto konokono mo botshelong
28 Mar 2017
Thuto ke seikokotlelo mo botshelong ka jalo e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Middlepits, Rre Keafe Monoka o buile mafoko a mo letsatsing la kabo seetsele ya sekole se se gaisitseng tse dingwe mo maduong a lokwalo lwa bosupa ka Labotlhano.
Rre Monoka o tlhalositse fa kopi e ba e abetsweng ke sepodisi sa Kgalagadi Borwa e le kgothatso gape e rotloetsa baithuti go bereka ka natla ka gape go na le seetsele se se neelwang moithuti yo o gaisitseng.
O kaile fa sekole sa Middlepets se abetswe seetsele ka se gaisitse dikole tse dingwe di akaretsa Khuis, Kolonkwaneng, Bogogobo, Gakhibana le Khawa mo kgaolong.
Rre Monoko o ne a leboga ba sepodisi a re ba dira tiro e ntle ya go thusa dikole go ntsha maduo a a itumedisang ka go ba abela dietsele.
O ne gape a rotloetsa baithuti le batsadi go tswelela ba bereka le barutabana gore ba tswelele ba ntsha maduo a a kgatlhisang.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodisi go tswa Gaborone, Assistant Commissioner Seeletso Ditirafalo a re ba bone go tshwanela go tsenya letsogo mo thutong ya bana.
A re e le mapodisi ba ne ba itlama go abela sekole se se gaisitseng kopi ya phenyo le P500 fa moithuti yo o gaisitseng ene a abelwa setlankana, P500 le paka ya sekole.
Rre Ditirafalo o tlhalositse fa maitlamo a bone a simolotse ka 2010, fa ba sena go lemoga gore maduo a dikole tse dipotlana mo Kgalagadi ga a itumedise mme ba tswa ka mogopolo wa gore dikole di gaisanye.
A re kgaisanyo e e tsisitse pharologanyo ka jaana baithuti ba tsentse marapo mo nameng.
O ne a rotloetsa baithuti, batsadi le barutabana go tshwaragana go tswelela ba ntsha maduo a mantle.
Moithuti yo o gaisitseng ba ba bangwe, Tshireletso Ntau o ne a rotloetsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhwaafalo, a re ke bone bagogi ba lefatshe mo isagong.
O ne a leboga sepodisi a re se dira tiro e e kgatlhang leitlho, a re ba tswelele ka mowa wa lorato le thotloetso go thusa morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phenyo Mosidi
Location : MIDDLEPITS
Event : letsatsi la kabo seetsele ya sekole
Date : 28 Mar 2017






