Ba ipelela peo ya kgosi
30 May 2016
Banni ba Ramotlabaki ba ne ba tshwere moletlo wa go ipelela peo ya kgosi ya bone.
Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela peo ya kgosi ya motse oo bosheng, Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a supa fa go bereka ba le seopo sengwe e le morafe e le gone fela go ka tlhabololang motse wa bone.
Kgosi Balebetse o ne a tlhalosetsa Kgosi Sakaiwa Modidi fa a romilwe ke morafe go ba tlhokomela le go ba direla a sa tseye letlhakore lepe a supa fa kgosi ke kgosi ka batho.
A re o tshwanetse go reetsa dilelo tsa morafe wa gagwe le go utlwa matshwenyego a bone mme a rarabolole dikgang tseo ka bopelokgale a tlatsa ka gore tiro ya bogosi e batla bobelokgale.
O boletse fa a tshwanetse go netefatsa gore dinako tsotlhe o amogela dikgakololo tse a di fiwang ke morafe wa gagwe e le tsela ya go aga motse le morafe a supa gore seo ka bo sone se ya go tiisa morafe mooko.
A re batho ga ba akanye ka go tshwana mme o ne a gakolola Kgosi Modidi gore se se botlhokwa ke go sekaseka megopolo ya bone gore motse o gatele pele.
Kgosi Balebetse o boletse fa kgosi e tshwanetse go nna le boikarabelo a re kgosi ke motho yo o itshwarang sentle mme a mo gakolola gore a netefatse gore o tsamaya mo tseleng e e siameng nako tsotlhe.
O ne gape a mo rotloetsa go bereka le dikomiti tsa motse,mokhanselara le badirelapuso ba ba mo motseng wa gagwe go na le gore a tseye ditshwetso a le nosi.
E re dikgang di eme jalo, o ne a gakolola morafe wa motse oo,ka molelo wa kgolagano le boipuso jwa monongwaga a tlhalosa fa ba tshwanela ke go ipaakanyetsa ditiro tseo ka bobedi go netefatsa gore mongwe le mongwe o nna le seabe.
Fa a tswa la gagwe Maitumelo Maemo go tswa kwa ofising ya ga molaodi o ne a kgothatsa Kgosi Modidi go bereka ka natla le ka kagiso le morafe wa gagwe.
O ne gape a mo kgothatsa gore a dire thata le banana gore ba bue ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
A re dikgang tse di amang banana di setse di le dintsi thata a fa sekai ka dipolaano tsa baratani a tlhalosa fa bontsi jwa tsone di ama banana mme o ne a kopa kgosi go bua le banana ba motse wa gagwe.
O boletse fa go dira jalo gongwe motlha mongwe banana ba tlaa fetoga mme ba tseye tsela e e siameng a tlatsa ka gore le go ba busetsa mo ngwaong ya Setswana ke dilo dingwe tse a eletsang gore kgosi a di dire le banana ba motse wa gagwe.
E ne ya re a tswa la gagwe, Kgosi Modidi a tshephisa morafe wa gagwe gore o tlaa bereka le bone ka manontlhotlho le ka bopelotelele a supa fa ene a eletsa go busetsa ngwao ya Setswana mo bananeng le kgang ya baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
A re dikgang tseo ka bobedi o na le maikaelelo a go di emela ka dinao thata a supa fa ditiragalo tse dingwe tse di dirwang ke batho tse di duleng mo tseleng bontsi jwa tsone di bakiwa ke tsone dikgang tseo ka bobedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Ramotlabaki
Event : Peo ya kgosi
Date : 30 May 2016






