Breaking News

Gulubane o bete se molangwana

28 Apr 2016

Banni ba metse ya Gulubane, Masingwaneng le Mambo kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba re ba sebete se molangwana mabapi le ka fa ditlhabololo le ditlamelo di gorogang kwa metseng ya bone.

E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro, ba supa fa ba tshwenyegile ka fa ditlhabolo le ditlamelo di leng boutsana ka teng go goroga kwa go bone.

Ba re nngwe ya dilo tse ba tswang kgakala ba lela ka tsone, ke tsela ya Hubona-Sechele-Masunga, e e lomaganyang metse ya bone e bile e le yone e ka khutshwafatsang mosepele wa bone wa go ya kwa Masunga, ba kaya gape fa ba sa bolo go ikuela ka seemo se maswe sa ditsela tse di mo tikologong ya bone mme go se kgato epe e e tsewang.

Banni ba metse eo, ba boletse fa ba ne ba na le tsholofelo ya gore gongwe lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus programme le tla ba tswa matshidiso ka go araba selelo sa bone sa go dirwa ga tsela eo ya Hubona-Sechele-Masunga mme ba swabile nko go feta molomo go utlwa fa go sena sepe se se akareditsweng mo lenaneong leo, se se amanang le ditsela tsa tikologo ya bone.

 Mongwe wa banni ba Masingwaneng, Mme Kebifetswe Modikwa o ne a supa fa mapalamente a a tsena ka go tlhatlologana ga bone mo kgaolong eo, ba tlogela selelo sa ditsela e le sa kgoranyo ya meno.

Kwa Gulubane gone, banni ba re seemo sa ditsela tsa motse wa bone se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di na, ba tlatsa ka gore ditsela dingwe tsa motse di ralalwa ke melatswana e e reng e tletse e kganele batho go tlolela ntlheng e nngwe ya motse.

Ba re se se utlwisang botlhoko go feta, ke go bo nako nngwe bana ba bangwe ba felela ba fetwa ke dithuto, ba kganetswe ke metsi go kgabaganya melatswana go ya sekolong, mo godimo ga moo, banni bangwe ba tlhalositse fa seemo seo se baka gore nako nngwe ba tlelwe ka dikakanya tsa go fudugela go sele, kwa go nang le ditsela tse di botoka.

Banni ba Masingwaneng le Mambo bone ba buile ba sa kgwe mathe, ba re go supa fa metse ya bone e kgapetswe ntle mo ditlhabololong, ke ka moo e neng ya rontshiwa sebaka sa go akola molelo wa kgolagano, o o tsweletseng ka go dikologa dikgaolo tsa lefatshe leno.

Ka jalo banni ba ne ba ikuela mo mopalamenteng wa bone gore go dirwe dithulaganyo tsa gore molelo oo, o buselediwe mo kgaolong, go tla o isiwa kwa metseng ya bone pele o wetsa loeto la one.

Banni ba metse eo ka boraro ba ne gape ba supa lekalana la metsi, la water Utilities Corporation ka monwana, ba tlhalosa fa le sa tsibogele tshenyo epe e e leng teng tebang le phatlalatso ya metsi, go akarediwa medutlo le go sa berekeng ga dikarata tse di gang metsi mo dipompong tsa setshaba.

E rile fa a araba mabapi le ngongorego eo, modiri gotswa kwa lekalaneng leo, Rre Modisaotsile Keetile a tlhalosetsa banni fa ba sa tswa go rutuntsha badiredi bangwe go nna ba tsibogela go baakanya didirisiwa tsa go ga metsi ka dikarata, a tlatsa ka gore medutlo e bakwa ke go bo mealo ya phatlalatso ya metsi e le megologolo ka jalo e batla go ntshafadiwa.

Rre Keetile o boletse fa go le gantsi ba tsibogela medutlo e metona pele, go netefatsa gore metsi a goroga kwa bathong, mme e bo e le gone ba tsibogelang e menyenyane.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente Butale o ne a itsise banni ba Gulubane fa mo ngwageng ono,  ka fa tlase ga ESP, kokelwana ya bone e tla atolosiwa fa ba motse Mambo bone ba tla agelwa diofisi tsa kgotla, a gwetlha banni ba metse eo, go nna ka tsholofelo ya gore ditlhabololo tse dingwe di tla akarediwa lenaneo le ntse le tsweletse ka jaana le tla goga dingwaga tse tharo.

Rre Butale o ne a bo a ba gwetlha go ipaakanyetsa moletlo wa monongwaga wa boipuso, o ka one lefatshe leno le tla bong le digela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa.

A re Batswana ba tshwanetse ba ipelela katlego eo ka botswapelo le ka boitumelo ka jaana lefatshe leno le fitlheletse ditlhabololo di le mmalwa, tse di akaretsang metsi, motlakase, dikolo, ditirelo tsa botsogo, diofisi tsa maphata a puso tse di anameng le metse ya lefatshe leno ka go farologana, a tlatsa ka gore lefatshe leno le batho ba lone, ba goroga mo dingwageng tseo ba ntse ba tshegetse mewa ya kagiso,popagano le thokgamo, tse di elediwang ke mafatshe a mangwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : GULUBANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 28 Apr 2016