Breaking News

Mananeo a rotloetsa temo-thuo

19 Apr 2016

Mogolwane wa tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Nkaigwa Joel, o rotloeditse banni ba Masunga go dirisa mananeo a temo-thuo jaaka LIMID.O ne a kopa gore ope fela yo o nang le dipodi a ye kwa diofising go ikwadisa gore a kgone go rekisetsa ba ba tsayanang lenaneo.

Rre Joel BAMB jaanong e rekisa sengwe le sengwe se se tlhokwang ke balemi-barui, e ka nna dijo le melemo ya leruo.A re thulaganyo ya go rolela BAMB thekiso ya tse di tlhokwang ke balemi-barui e simolodisitswe ka kgwedi yone e. 

Moemedi wa lephata la matlhoko a leruo kwa Francistown, Rre Mbaakanyi Gubungano ene o ne a tlhalosetsa morafe ka fa thekiso ya manyena a leruo e sa ntseng e tsweletse ka teng, mme a rotloetsa morui mongwe le mongwe yo o sa ntseng a saletse kwa morago go bona gore o rekela leruo la gagwe manyena.

A re lenyena le le kgolokwe le tsena mo tsebeng ya molema, fa le le sephaphathi le tsena mo tsebeng ya moja.Rre Gubungano o gateletse botlhokwa jwa manyena le gore morui mongwe le mongwe a kwadise leruo la gagwe le tsenngwe mo dikhomputareng gore go tle go itsiwe palo ya leruo lotlhe le le mo kgaolong.

O ne a tswelela ka go bua ka karata e morui mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone e e bidiwang Livestock Keeper’s Card, a bolela fa karata eo e le yone e e thusang molemi morui mo thekong ya sengwe le sengwe sa temo kgotsa leruo.

O ne a wetsa ka go kopa barui go tlhatlhela leruo la bone, a re ba tshwentswe thata ke leruo le le gobeyang fela mo mebileng.Rre Gubungano o ne a kopa gape gore fa leruo le lwala ba itsisiwe nako e sa ntse e le teng gore ba tle ba kgone go tsibogela seemo ka bofefo.

Mogolwane wa lephata la temo-thuo mo Masunga, Rre Thomo Rantshudu ene o ne a kopa beng ba masimo segolo jang a a mo thoko ga ditsela tse di kgolo tsa kgaolo go a tlhokomela thata ka a supa ka fa kgaolo e dirang ka teng mo go tsa temo.

O tsweletse ka go kopa gape gore ditsela tse di yang kwa masimo di baakanngwe gore diterekere di kgone go tsamaya sentle di sa kgorelediwe ke sepe le go itsa go senyega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Uendjitiza Chienda

Location : MASUNGA

Event : Phuthego

Date : 19 Apr 2016