Breaking News

Mogonono o atla maduo a twantsho borukutlhi

04 Apr 2016

Kgosi ya Mogonono mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau, Mme Goitseone Sekgwa, a re lekgotla la twantsho borukutlhi mo motseng wa gagwe le dira sentle.

E rile a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, kgosi a akgolela lekgotla leo go dira ka natla e bile ba dira tiro ya bone ka dipelo tse di phuthologileng.

A re lekgotla la twantsho borukutlhi la motse oo le dirwa ke banna le basadi ba ba itlamileng go sireletsa motse wa bone mo borukutlhing mme o boletse fa maloko a, a dira tiro ka go tshwana go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe.

Mme Sekgwa a re motse wa gagwe o o ntseng o sena mapodisi o thusiwa gape ke go bewa ga mapodisi a a tlhokometseng leruo la bogodu le le sa ntseng le tshegeditswe mo motseng oo, mme o supile fa maloko a, a dira tiro ya bone bosigo le motshegare ka tshwaragano le one mapodisi a.

Le fa go ntse jalo, kgosi o supile fa borukutlhi e le selo se se tshwenyang thata gongwe le gongwe e bile gose motlhofo go bo nyeletsa.

A re mo motseng wa gagwe, ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo le tshwana le dikgomo, dipodi le ditonki. 

O boletse fa borukutlhi bo tshwana le go kgothosa le go thuba matlo bo wetse tlase jaaka fa e sale go simolodisiwa lekgotla la twantsho borukutlhi.

E re go ntse jalo, Kgosi Sekgwa o supile matshwenyego mo tirisong ya nnotagi ke banni. 

Kgosi a re o tshwenngwa thata ke gore banana ba di goga kwa pele mo tirisong botlhaswa ya nnotagi. 

A re gangwe le gape, e a re morago ga maitiso go nne le go rumulana mme go felele go lolwe, selo se a reng ga se age motse.

Mme Sekgwa o ne a ikuela mo bananeng go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi mme a tlatsa ka go bua mafoko a motlapele a a reng “lemphorwana la bojalwa ga le fofe”. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : Mogonono

Event : Potsolotso

Date : 04 Apr 2016