Setlhopha se tsosolosa mmino wa Sebirwa
20 Mar 2016
Lefatshe la Botswana le na le mmino wa setso mme o farologana ka merafe.
Mmino wa Tsutsube o tlholega kwa kgaolong ya Kgalagadi,Phathisi yone e tlholega kwa Kweneng le Setapa kwa ga Ngwaketse,Hosana kwa Bokalaka,Diware kwa kgaolong ya Bokone Bophirima,Sebirwa kwa Bobirwa le Polka e e tlholegang kwa Kgalagadi e e simolotseng go tuma e bile go supa fa e tlaa nna mmamoratwa mo lefatsheng leno.
Mebino e tshwana le Sebirwa, Diware, Hosana le Polka ga e a anama thata le lefatshe leno jaaka mmino wa Setapa,Tsutsube le Phathisi e yone e setseng e binwa ke merafe yotlhe mo Botswana.
Re tlare ke dipitse ke setlhopha sa mmino wa Sebirwa se se tlholegang mo Bobonong.
Setlhopha se, se itlamile go netefatsa seane se se reng Re tlare ke dipitse re bona ka mebala ka go batla go bona Babirwa ba lemogwa fa e le Babirwa ka ngwao ya bone.
Se bopilwe ka ngwaga wa 2002 e bile se na le maloko a le lesome le botlhano.
Re tla re ke dipitse e setse e kile ya lalediwa go diragatsa kwa lefatsheng la China, Swaziland, Zimbabwe le South Africa.
Re tla re ke Dipitse e eteletswe pele ke Rre Godfrey Maake, yo gape e leng modulasetilo wa lekgotla la Ngwao Loshalaba le le okametseng ditlhopha tsa mmino wa Setso mo Botswana.
Setlhopha se, sa re se ikaelela go anamisa mmino wa Sebirwa le lefatshe leno ka bophara gore o itsege jaaka mmino wa Phathisi, Tsutsube le Setapa e e kgonneng go anamela kwa merafeng yotlhe ya lefatshe leno.
Rre Godfrey Maake o tlhalositse fa mmino wa Sebirwa o gomagomediwa ke go nyelela fa o ka se salwe morago go bona gore o ka tsosolosiwa jang.
Rre Maake a re setlhopha sa gagwe se kile sa bo se bina mmino wa Tsutsube,Phathisi le Setapa mme ba ile ba tsaya tshwetso ya go tlogela mebino e, mme ba itebaganya le mmino wa morafe wa bone wa Sebirwa ka maikaelelo a go thibela mmino o go nyelela.
A re, e sale dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tse di rotloetsang ngwao le bodiragatsi tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga di simologa, setlhopha sa gagwe se tseneletse dikgaisano tse morago ga gore mmino wa Sebirwa o akarediwe mo dikgaisanong tse.
O tlhomamisitse fa setlhopha se, se phadisana le tse dingwe mo mminong o e bile se aga se gapa maemo a ntlha ngwaga le ngwaga.
Rre Maake o boletse fa mmino wa Sebirwa o tshwanetse go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno gore merafe e mengwe e kgone go o ithuta mme le bone ba simolole go o bina fela jaaka mebino e mengwe e e tlholegang kwa Ngwaketse, Kweneng le Kgalagadi e kgonneng go anama le lefatshe leno mo e setseng e binwa ke merafe yotlhe ya lefatshe leno ka bophara.
A re Babirwa ka kakaretso ba tshwanetse go ema mmino wa bone nokeng gore o seka wa nyelela.
O kgothaditse banana ba kgaolwana ya Bobirwa go inaakanya le ditlhopha tsa mmino wa Sebirwa gore ba kgone go ithuta mmino o.
A re setlhopha sa gagwe se dira bojotlhe go bona gore mmino o, o anamela kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno ka go ithaopela go ruta mongwe le mongwe yo o eletsang go ithuta mmino o ntleng le dituelo.
Rre Maake o kgothaditse ditlhopha tse dingwe tsa mmino wa Sebirwa ebong, Sebada, Sekgobokgobo, Retekgeng, Mpha Mpha tsa kgaolo e go tswelela ba tshegeditse mmino o, go dira gore o tswelele o le teng mme ba o fetisetse kwa dikokomaneng tsa Babirwa tse di tlaa salang di tshegeditse mmino o mo metseng ya kgaolo e. Mongwe wa bagolo ba kgaolo ya Bobirwa, Mme Lorato Olebogeng o tlhalositse gore o eletsa fa mmino wa Sebirwa o ka somarelwa le go anamisediwa kwa dikgaolong tse dingwe gore o kgone go anama fela jaaka mebino e mengwe ya setso e e tumileng ya lefatshe leno.
Mme Olebogeng a re, Babirwa ba tshwanetse go itoma molomo wa tlase go somarela mmino o, ka merafe e mengwe e tsweletse sentle ka go somarela mmino wa setso sa bone, ka e bile mmino le kapari di tlhalosa letso la motho botoka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 20 Mar 2016






