Kerobale o tswa sekole thuso
17 Mar 2016
Modiri wa lephata la diphologolo kwa Bobonong, Mme Keonyatse Kerobale, o abetse sekole se sebotlana sa Modisaotsile ditilo di le masome a mararo tse di tlaa dirisiwang ke baithuti ba sekole sa bananyana ba ba sugiwang pele ba ya go dira lekwalo la ntlha.
Mme Kerobale o tlhalositse fa a le mo ngwageng ya botlhano a ntse a dira tiro ya boithaopo ka go abela batho ba ba tlhokileng lesego a dirisa madi a a mogelang kwa tirong ya gagwe.
O tlhalositse fa a setse a kile a abela ba-na-le bogole kwa Sefhare le batlhoki kwa Mathathane.
A re o nna a netefatsa gore ngwaga le ngwaga o abela dikole kgotsa batho ba ba tlhokang thuso.
O boletse fa tiro ya go aba e tswa boteng jwa pelo ya gagwe e bile e sa amane gope le go itshupa mo setshabeng.
Mme Kerobale o solofeditse fa a tlaa tswelela a dira tiro e ya bopelotlhomogi botshelo jwa gagwe jotlhe.
Mogokgo wa sekole se,Mme Ketshwaneditswe Modisaemang o boletse fa sekole sa gagwe se na le kgwetlho ya letlhoko la didirisiwa tsa thuto.
Mme Modisaemang a re sekole se sa tswa go simolodisa sekole sa bananyana ngwaga ono.
Mogokgo o boletse fa ba simolotse dithuto tse, ka bana ba le masome a marataro mme ba sena didirisiwa tse di faphegileng tse di ka dirisiwang mo dithutong tsa bananyana.
A re moono mogolo wa dithuto tse ke go suga bana pele ba ya go dira lekwalo la ntlha selo se se tlaa tlhofofaletsang bana go ithuta ka tshosologo fa ba dira lekwalo la ntlha.
O boletse fa maitlamo a sekole a go ntsha maduo a a nametsang a phirimisiwa ke letlhoko la didirisiwa tsa thuto.
A re ba Bobonong Cooperative ba ba thusitse ka dikete tse tharo tsa dipula tse di tlaa dirisiwang mo ditlhabololong tsa sekole mo dingwageng tse tharo.
Mme Modisaemang o kopile dikompone tse di ikemetseng,maphata a puso ga mmogo le baithuti ba pele ba sekole se go ithaopela go tsamaisa sekole se mo lenaneong le puso e ikuetseng go thusiwa go tsamaisa dikole ka maiteko a go tlhabolola thuto ya lefatshe leno.
Mogolwane wa lephata la thuto mo Bobonong, Mme Ediretse Sebusang o galaleditse boithaopo jwa ga Mme Kerobale a re go a itumedisa go bona batho ka bongwe ba ithaopela go thusa puso go tlhabolola thuto.
O tlhalositse fa puso e tlhaelelwa ke madi go rekela dikole tsotlhe didirisiwa tsa thuto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2016





