Go runya ga marekisetso a bojalwa go a tshwenya
17 Mar 2016
Mogolwane wa sepodisi sa Thamaga, Rre Thabo Mojwe, o tlhalosite gore sepodisi se tshwentswe ke go runya ga marekisetso a bojalwa kwa motseng oo.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo, Rre Moje a tlhalosa fa go na le marekisetso a dino a feta masome a mane mo motseng oo, mme a re se ke sone se kuketsang borukutlhi le tiriso ya diritibatsi.
O ne a tlhalosa fa e bile marekisetso a mangwe a dino a sa obamele molao wa thekiso jaaka go tswala ka nako e e beilweng.
A re e ne ya re ngwagatlola ba tshwara batho ba le 21 ka motokwane fa ba le 156 ba ne ba tshwarelwa go nwa bojalwa jo bo sa letlelesegeng.
A re ngogola ba ba tshwerweng ka motokwane ba ne ba fokotsega go nna lesome fa ba le 244 ba tshwerwe ba itlhadiela fa go sa letlelelweng teng.
O ne a tlhalosa fa seemo se se tlhobaetsa fela thata e bile se tshwanetse go emelwa ka dinao mme a kopa morafe go dirisanya le bone.
Kgosi Segale Gobuamang o ne a tlhalosetsa morafe fa ba emisitse go fa batho teseletso ya go rekisa majalwa a a dirwang mo malwapeng ka jaana ba ne ba lemoga fa bangwe ba setse ba rekisa le majalwa a a sa letlelesegeng. O ne a tlhalosa fa ba beile seemo leitlho go bona gore se boela mannong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : Thamaga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Mar 2016




