Lenyora le kokonela matimela
10 Mar 2016
Mogolwane mo ofising ya matimela kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Rre Lerang Phala, a re letlhoko la metsi kwa lesakeng la matimela la Khekhenye le kokonela dikgomo tse tlhatlhetsweng koo.
E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Phala a tlhalosa fa letlhoko la metsi le dira gape gore dikgomo di timele kgotsa di folotse.
A re le simolotse fela morago ga go fudusiwa ga ditirelo tsa metsi go tswa mo khanseleng go ya kwa koporaseng ya metsi ya Water Utilities.
A re letlhoko le la metsi jaanong le bakela khansele ditshenyegelo ka ba patelesega go gela leruo metsi kwa Letlhakeng.
Rre Phala o kopile barui bogolo jang ba dikgaolo tse di dikologileng Khekhenye go tsamaela kwa masakeng ao go batla dikgomo tsa bone.
O kaile fa sebe sa phiri e le fa teraka e ba e dirisang e ka senyega ka dikgomo di kgona go fetsa beke di sena metsi, o kaile fa lesaka la Khekhenye le na le dikgomo di ka tshwara makgolo a mabedi se se dira gore phulo e nne kwa tlase ka di gotlha tikologo e di nnang mo go yone.
A re maikaelelo a bone e le lephata ke go epela dikgomo tseo sediba kwa di tlaa nwang teng, mme a re sebe sa phiri ke gore ga ba na madi.
Rre Phala o ledile gape ka sebaka sa dikgwedi tse thataro tse ba tshwanentseng go tshegetsa dikgomo pele ga ba ka di rekisa, a re se babalela puso.
Rre Phala o kopile kemo nokeng mo go botlhe ba meraka e e mabapi le lesaka la Khekhenye go nama ba ba inetse diatla metsing ka ba santse ba lwantsha seemo se. O ba kopile gape go tswelela ba ntse ba bega dikgomo tse ba sa di itseng kwa merakeng ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Madianakedi
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 10 Mar 2016






