Ngwao e agile Botswana
06 Mar 2016
Kgosi Puso wa Batlokwa a re ngwao ke yone e thusitseng lefatshe leno gore le goroge ko dingwageng tse di masome a matlhano tsa boipuso go ntse go rena kagiso le thitibalo.
E rile a bua kwa moletlong wa ngwao o tshegeditswe ke toropo ya Francistown ka Labone, Kgosi Puso yo e bileng e le modulasetilo wa ntlo ya dikgosi a re ngwao ya Batswana e rotloetsa gore motho yo mongwe o a tlotlwa ka jalo le fa batho ba nna le dipharologanyo ga ba dire jaaka mafatshe a mangwe ka go tsosa dintwa le mekubukubu.
A re ngwao e file Batswana boleng ka ga e rotloetse botshwakga e bile e rotloetsa motho go itirela. A re mathata a mantsi a a tlhagogang mo malatsing a gompieno a bakwa ke gore ngwao e a nyelelala ka bonya ka bonya.
Kgosi Puso a re bana ba godisiwe ka go kgalengwa le go rutwa ngwao ka seo se ka thusa gore ba gole sentle ba na le boikarabelo mo ditshwetsong tsotlhe tse ba di tsayang.
A re fa go senang kgalemo teng, thuto ko dikoleng e tlaa pala mme maduo a tswelele ka go wela tlase.
O bile a tlhalosa gore kgalemo e tshwanetse go simolola kwa malwapeng.
A re ke nako ya gore setshaba se gadime kwa se tswang teng mme se baakanye fa go senyegileng ka jaana diphetogo le ditlhabololo di sa tshwanela go tseela ngwao boleng.
O bile a rotloetsa batsadi go ruta bana diteme tsa bone a tlatsa ka gore go tlhabisa ditlhong go utlwa motsadi a bolela fa ngwana wa gagwe a itse sekgoa fela.
A re nako e tsile ya gore mongwe le mongwe a eme ka dinao a rute dikokomane tsa gagwe ngwao le puo ya gagwe.
Tona ya pele ya thuto, Rre Kebatlamang Morake a re ngwao ya Setswana e rotloetsa tshwaragano ke ka moo merafe ya lefatshe leno e tshwaraganeng e bile e seke e tsogologalana.
Le ene fela jaaka Kgosi Puso, a re gore lefatshe leno le bo le gorogile mo dingwageng tse di masome matlhano tsa boipuso go ise go nne le dintwa tsa semorafe ke ka go bo ngwao e rotloetsa gore motho ke motho ka yo mongwe.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, Moruti Phillip Butale o ne a re letsatsi le, le diretswe go kopanya merafe e e farologanyeng ya toropo ya Francistown gore e abelane dingwao tsa yone.
A re seo se tlaa rotloetsa gore merafe eo e tshwaragane e bo e amogele dipharologanyo tse di leng teng mo dingwaong tsa yone.
Molaetsa mogolo wa letsatsi leo le e bileng go ne go jewa dijo tsa Setswana di akaretsa moretlwa, manoko, setampa, seswaa, mabele a a apeilweng ka go farologana, bojalwa jwa Setswana le tse dingwe, e ne e le Serodumo sa Ngwao go ya BOT50. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : Francistown
Event : Moletlo
Date : 06 Mar 2016






