Breaking News

Molelo wa kgolagano o ka bopaganya setshaba

01 Mar 2016

Baruti le baemedi ba dikereke ba boletse fa molelo wa kgolagano o o raletseng lefatshe o tshwanetse wa bopaganya setshaba.

Ba buile se mo thapelong e e neng e tshwerwe ka Matlhatso kwa Sechele go baakanyetsa kgorogo ya molelo oo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mopitlo a tlhola gane.

Archbishop Gosi Nkomo wa kereke ya Healing Church o ne a supa fa go kopana le go rapela mmogo ga dikereke e le selo se sentle, segolo jang ka le yone Baebele e rotloetsa mowa wa go amogelana le go tshedisanya mmogo ka kagiso.

Archbishop Nkomo o ne a supa gore e re ka jaana Modimo a diretse Botswana go le gontsi, Batswana ba tshwanetse ba supa ditebogo tsa bone ka go bopagana.

A re ke maikarabelo a mongwe le mongwe go bona gore go nna le popagano mo lefatsheng leno, mme e re morago ga go jwalwa ga mowa oo wa popagano, go nne maleba gore e nosediwe gore e gole e bo e ipelelwe ka ditsela tse di farologaneng.

Moruti Monthe Doba wa kereke ya Dutch Reformed ene o ne a bolela fa popagano ka dinako tsotlhe e lere maduo a mantle.

O boile a kaya gore go bo molelo wa kgolagano o setse o raletse mafelo a le mantsi a lefatshe leno ntle le medumo epe ke sesupo sa fa tshaba eno e lemoga bokao jwa one.

Moruti Doba o tlhalositse fa kwa mafatsheng a mangwe kagiso e e aparetseng leeto la molelo oo e ka bo e ne e le toro fela ka ntlha ya dikhuduego le go sa amogelaneng ga merafe tse mafatshe mangwe a di itemogelang.

Fa a goga thapelo go rapelela meletlo ya boipuso ya monongwga, Mme Ruth Sechele wa kereke ya Lontone o ne a bolela fa Modimo e le lesedi, ka jalo e le selo se sentle gore lefatshe leno le bo le tsere tshwetso ya go tshuba lebone go nna sekao sa ketelelopele ya Modimo mo tshabeng ya lone.

O ne a kopa banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go tlhokomela molelo wa kgolagano fa o tlaa bo o le mo kgaolong ya bone, a re go ka swabisa gore sepe se se sa kgatlhiseng se o diragalele o le mo diatleng tsa bone.

Mo ntlheng e nngwe, Mme Sechele o ne a kopa kokoano e e neng e tsene merapelo eo go dira ka natla go dibela kagiso e Batswana ba tshelelang mo go yone.

A re e re ka jaana lefatshe leno le tsere boipuso ntle le tshololo ya madi, motho mongwe le mongwe o tshwanetse a ikitaya ka thupana go bona gore mowa wa neelano le kamogelano o tswelela o rena o sa nyelediwe ke sepe.

Kgosi Obuile Mambo wa motse wa Mambo o ne a ikuela mo bagoging ba kgaolo gore dithapelo tsa mothale oo di tsweledisiwe mo kgaolong.

A re go tsamaya le metse ya kgaolo ka go farologana gongwe dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo go tshwarwa merapelo e e kopanetsweng ke dikereke go ka thusa thata go bopaganya tshaba ya lefatshe la Botswana.

Kgosi Mogomotsi Sechele o ne a bolela gore Baebele le yone e ruta ka botlhokwa jwa bommogo le popagano.

O ne a supa fa keletso ya gagwe e le gore motse wa gagwe le e mengwe e e mabapi e tshwaragane go ya pele gore sepe se ba ka eletsang go se dira ba tle ba se kgone ka go goga mmogo ka go dira jalo go na le maduo a mantle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Sechele

Event : Thapelo

Date : 01 Mar 2016