Borre ba kopiwa go potlakela malwetse
17 Feb 2016
Kgaolo ya Distance kwa Selebi Phikwe e ne e tshwere moletlo go rotloetsa banna go nna le boikarabelo mo go tsa botsogo.
E rile a amogela batsena moletlo, Kgosi Mark Thipe o ne a rotloetsa borre go leka go ikatumetsa le go ikamanya le moono mogolo wa tsa botsogo.
“Borre re saletse morago thata le tsa botsogo, a re kopaneleng dikgwetlho, kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa,” a tlhalosa.
Kgosi Thipe a re fa wa mme a tshwere kafa, rre a tshware kafa ba ya go tsaya molaetsa ke selo sa botlhokwa.
Mo go tse dingwe, Kgosi Thipe, o supile fa kgaolo ya Distance e sa robalelwa ke ditlhokwa ntateng ya dintsho tsa dipolaano tsa baratani, tse di ileng ko godimo.
Fa a fa moono wa moletlo, moeteledipele wa baoki mo lefelong la Distance, Mme Karina Alona a re maikaelelo ke go gogela borre go ya go thusana nabo mo ditirelong tsa botsogo.
A re ba batla le go thusa go tlhaloganya mabaka a bone a a ba kgoreletsang go akola ditirelo le dithuto tse di ba lebaganyeng ka go farologana ga tsone le go nna maoto a tshupa mo go itlhatlhobeng mogare wa HIV.
“Dintsho tsa bo rre di kwa godimo, dipalo tsa borre ba ba tshwarwang ka malwetse a dikobo di kwa godimo, bomme ba thusiwa nako e santse e le teng bo rre ba tla morago, mme se se a re tlhobaetsa.” A tlhalosa.
Fa a tlatsa, mothusa rra Toropo wa Selebi-Phikwe Mokhanselara Molefi Pilane a re fa ba kgopanakgopanang teng, ba atamele fa bathong ba buisane.
A re go simolola go le monate, mme go felele go le botlhoko mme a re a go rata e se nne ke go feletsa botshelo, mme fa o sa tlhola o rata motho, nwaya metsi pelo e wele, mme o amogele yoo mongwe fa a sa batle.
Mokhanselara Pilane a re monna yoo senang boikarabelo ka botshelo jwa gagwe ga se rre, tlhaloganyo le megopolo e e mentle e tswa mo mmeleng oo itekanetseng.
O supile fa bontsi jwa nako bomme ba ema ka dinao mo tsa botsogo, mme se se supa fa borre ba sa tseye boikarabelo jwa botsogo jwa bone.
Gape o supile fa ba botsogo ba ka neela dithuto le bogakolodi, mme tshwetso e tsewa ke motho, ka jalo ba tshwanetse ba eme ka dinao ka botsogo ka jaana itsholelo ya lefatshe e ka amega. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tiny Chilisa
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 17 Feb 2016






