Ba batla boipuso bo ipelelwa mo dikgotlaneng
24 Jan 2016
Banni ba Dilaene kwa Mahalapye ba kopilwe go itlwaetsa go ya kwa kgotleng e tona go ipelela boipuso.
Le fa gontse jalo banni bone ba re kgotla e tona e kgakala, ka jalo ba bona go le botoka go ipelela kwa kgotlaneng ya bone.
E rile ba bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe bosheng, ba re kgotla e tona e kgakala thata le dikgotlana tse dingwe mme batho ba felela ba sa ya teng.
Ba re palo ya banni ba Mahalapye e godile thata ka jalo ga go ba letle gore ba bo ba santse ba kgobokanela mo kgotleng e le nngwe.
Ba re dikgotlana tsa bone di godile mo go lekaneng gore le bone ba itirele mediro ya bone.
E rile a ba araba, Kgosi Duncan Segotsi a ba tlhalosetsa gore ba ipela kwa kgotleng e le nngwe e le go rotloetsa mowa wa popagano.
Rre Segotsi a re go ntse go direlwa meleto e mo kgotleng go tsweng bogologolong fa go tsewa boipuso mme se se tshwanetse go tshegediwa.
A re ba dumelana le morafe gore kgotla e kgakala mme ba tshwanetse gore ba iteke ba ye teng ka ke fa tsamaiso e ntseng ka teng.
A re ga se tshwetso ya gagwe le molaodi gore go bo go ntse jalo,mme ke selo se se dirwang Botswana jotlhe mme se tshwanetswe go dirwa ke botlhe.
A re kgang e e tswa kgakala e buiwa mme e bile ngwaga tlola go supegile gore kgang e e tlhwaafetse ka batho ba ne ba sa tla kwa kgotleng.
A re go ne ga tlhabisa ditlhong thata ka le dikgosana di ne di sa tla mo go raya gore ba ne ba dumelana le merafe ya bone.
A re molaetsa wa ga Tautona o balwa ke molaodi ko kgotleng e tona ka jalo banni ba tshwanetse gore ba bo ba le teng go ikutlwela.
Mo go tse dingwe, banni ba re dipilisi tsa diritibatsi ba di tsaya ka nako ya bobedi gabedi mo bekeng mme go a ba patika.
Mopalamente Molefe o ne a ba tshephisa gore o tlaa kopana le bogogi ja sepatela se setona gore a botse gore a dipilisi tsa diritibatsi di ka se tsewe malatsi otlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 24 Jan 2016






