Kgosi ya Ghani e kopa ditlhabololo
24 Jan 2016
Kgosi wa Ghani mo kgaolong potlana ya Okavango, Rre Gaolathwe Botolamang, o supile matshwenyego tebang le letlhoko la ditlamelo kwa motseng wa gagwe.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke go tlhoka motlakase mo motseng, a supa fa botshelo jwa segompieno bo tlhoka motlakase mme letlhoko la one le dia ditlhabololo.
Kgosi Botolamang o supile fa ditirelo tsa dikhomputara le ditlhaeletsanyo kwa kgotleng, sekole ga mmogo le kokelwana di sokola ntateng ya go tlhoka motlakase.
O ne a tlhalosa gape fa banana ba paledisiwa go itirela dikgwebo mo motseng ke seemo seo.
Kgosi o tswelela a supa fa baithuti ba tlhoka motlakase go tlhabolola dithuto tsa bone jaaka tse go dirisiwang dibalamakgolo ga mmogo le gone go bala maitseboa.
A re baoki ba na le namane e tona ya tiro bosigo fa ba na le balwetse ka ba dirisa dipone le megala ya lotheka go thusa balwetse ba ba tlhokang thuso ka nako eo.
O ne gape a supa matshwenyego tebang le go tlhoka koloi kwa kgotleng le kwa kokelwaneng, a tlatsa ka go re ba tlamega go emela koloi go tswa Shakawe fa ba na le balwetse ba potlako.
A re metsana le meraka e tshwana le Rukonga, Senono, Xamukusha, Ipopeng, Nxaunxau, Diniva, Xaudomo, Shongoshongo, Thitutu le Mahorameno e tlamelwa mo Ghani, ka jalo baoki ba tshwaragana le bothata fa go na le balwetse ba ba gateletsweng kwa metsaneng eo.
A re dinako tse dingwe koloi ya kokelwana ya Shakawe e e ba tlamelang e thata go bonala ka nako tse dingwe e a bo e sa itekanela kgotsa e isitse balwetse e ba Shakawe kwa Gumare, a supa fa seemo seo se koafaletsa balwetse kwa pele ka gore go tsaya lebaka gore ba tlamelwe.
Kgosi o ne gape a ngongorega ka seemo sa metsi se se sa iketlang, a re le sone se busetsa ditirelo kwa morago.
O ne a supa fa ba kabo ditsha ba phatlaladitse metse, ka jalo a kopa Water Utilities ya Shakawe go atolosa dipompo motse ka bophara le go tlhabolola tirelo ya bone.
A re seemo sa metsi se gwetlha banni go felela ba dirisa metsi a ditanka tsa sekole a a tshwanetseng go dirisiwa ke bana ba sekole le barutabana.
O ne a supa matshwenyego tebang tsela ya motse wa bone, a re ba sale jaaka ba tshelelwa lokgarapana dingwaga tse di fetileng ga e ke e baakanngwa, ka jalo e borai, segolo bogolo ka dipaka tsa dipula.
“Re kopa fela gore bogolo e nne e baakanngwa gabedi mo ngwageng gongwe e ka ngokela dikgwebo mo motseng wa rona.”
Kgosi o ne a gape a supa fa go tlhoka molemisi mo motseng go ba baya ka fa mosing, a tlhalosa fa balemi ba tsaya lobaka go thusiwa.
O ne a fa sekai ka go re monongwaga balemi ba filwe peo thari, mme gape go tsere batho ba le batlhano fela, a re fa ba ka bo ba na le molemisi mo motseng o ka bo a laola seemo seo le go bona gore tsela go tsewa e fe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keseentseng Baagedi
Location : Ghani
Event : Potsolotso
Date : 24 Jan 2016






