Batho ba le babedi ba fitlhetswe ba tlhokafetse
20 Jan 2016
Mapodisi a Martinsdrift le Ramokgonami a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone batho ba le babedi ba fithetsweng ba tlhokafetse.
Detecetive Superintendent Letsweletse Baile a re mosadi wa dingwaga tse masome a mabedi le bone o fitlhetswe a tlhokafetse kwa masimong a Isheshane fa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano ene a fitlhetswe a akgega mo setlharing dikgatlo dile makgolo a matlhano gotswa fa serepeng sa mosadi yoo.
Detective Superintendent Baile a re e re lentswa ba tsweletse le ditlhtlhomiso, gone ba belaela fa moswi a katswa a bolailwe ka sengwe se se bogale ka jaana go fitlhwetswe a na le ntho e e masisi mo molaleng.
A re direpa tsa batho bao, ba botlhe ba tlholega kwa motsing wa Ramokgonami e bile go belaelwa e ka katswa e ne e le baratani di kwa setsidifatsing sa kokelo ya Palapye go tlhatlojwa ke dingaka fa maina a bone a santse a lobilwe go fitlha ba masika ba itsisiwe.
Kwa Mahalapye, mapodisi a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di fagare ga masome a mane le boraro le masome a mane le bone mabapi le magtwe a go betelela lekawana la dingwaga tse di lesome le bofereabobedi la kgotla ya Bokaa.
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Mahalapye Superintendent Isaac Mmamadi, o tlhalositse mo puisanong gore mmelaelwa o tshwerwe ka thuso ya setshaba maabane kwa kgotleng ya Bokaa, mme a re e tlaare morago ga ditlhotlhomiso mmelaelwa a isiwe fa pele ga kgotla ya ditsheko goya go lebisiwa molato wa petelelo.
Dipego di bolela fa mmelaelwa a kile a tshwarelwa molato wa go nna jalo, mme lekgotla la molathela ngwaga tse some mo kgolegelong ka molato wa go tlhakanela dikobo le monna yo mongwe nteng le ditumalano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : MOJaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 20 Jan 2016






