Breaking News

Bodiredi ga bo itumedise banana

19 Jan 2016

Banana   ba kgaolwana ya Goo Kodisa  kwa Molepolole Borwa ba re ga ba itumedisiwe ke bodiredi bongwe jwa maphata a puso.

Banni ba ntshitse ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Molepolole Borwa,  Dr Tlamelo Mmatli ka Labone.

Mongwe wa bone, Rre Shokola  Rampone, a re boammaaruri  jwa  seane se se reng mashi ke tswa thobeng ke le phepa selabe se tla le motsaya kgamelo, boitshupile, ka jaana mananeo otlhe a a ntshitsweng ke  puso a  gore banana ba itlhamele ditiro a le mantle, fa sebe sa phiri e le  gore ga ba bone thuso e e lolameng  fa ba ile kwa diofising tse di lebaneng.

A  re seo se dira gore  dikakanyo tsa bone tse di nonofileng di felele mo phefong ka bontsi bo tlelwa ke  boitlhobogo.

Rre Rampone a re le ene o ne a felela a itlhoboga  ka jaana ba LIMID le ba botsogo ba sale ba mmaya seatla matlhong mme nako kgolo ke eno.

A re go sa thusiweng sentle ke bodiredi go felela go busetsa banana mo ditirong tse di maswe tse puso e neng e leka go ba fapha mo go tsone.

Rre Kenneth Kebuile ene o kopile puso go baakanya tsela ya Molepolole le Lesilakgokong ka go e tshela sekonotere ka jaana e na le dithaba kana makgabana a mantle a a ka dirisediwang bojanala.

Mopalamente  o ne a lekodisa batho ka theko ya diabe, a re puso e tsere tshwetso ya gore khamphani ya BTCL e kopanele kgwebo le Batswana ka go ba rekisetsa diabe.

O bile a gakolola barui go rekisa leruo le ise le nyeletswe ke leuba gore bontlha bongwe ba reke diabe ka go tlhalosiwa gore fa kgwebo e tsamaya sentle di ka ba busetsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : Molepolole

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 19 Jan 2016