Breaking News

Sojwe o akola mananeo a puso

19 Jan 2016

E re le ntswa Sojwe e le mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo, go lemotshega fa mananeo a puso a namolo lehuma a goroga sentle  kwa go one.

Se se tlhalositswe ke mogokaganyi wa tsa nyeletso lehuma, yo o okametseng kgaolo ya Kweneng bophirima le botlhaba, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe. 

A re kwa Sojwe go setse go tserwe mananaeo a le lesome a a farologaneng. O ne a bua jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Sojwe ka Labotlhano e ne e biditswe ke molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi.

Maikaelelo a phuthego e, e ne e le go rotloetsa batho go tswelela ba tsaya mananeo. 

Rre Kwelagobe o ne a tlhalosetsa morafe fa mananeo a a simoloseditswe gore batho ba itshetse ka one le gone go godisa itsholelo ya lefatshe. 

O rotloeditse morafe go dira ka natla, go tlhokomela dikgwebo tsa bone le go di godisa.

O ne a gakolola banni gore ba ikakanyetse, ba dirise mananeo go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka go re ba seka ba akanya mananeo a a tshwanang.

 O file sekai ka go re fa mongwe a tsere lenaneo la go dira kgwebo ya go rekisa dipodi, mongwe ene o ka simolodisa kgwebo ya matlhabelo a dipodi.

E re go eme jalo, morafe o ne wa supa ngongorego ya gore ga o thusiwe sentle ke bodiredi jwa puso mme Dr Mmusi o ne a tshwaela fa a tshwenyegile thata ka se, a re o eletsa go ka nna le tshwaragano magare ga kgosi, bodiredi, le morafe. 

Dr Mmusi a re ke maikemisetso a bodiredi go netefatsa gore morafe o itse ka mananeo a puso.

O ne a tlhalosetsa morafe gore fa ba sa thusiwe sentle, ba fetisetse dingongora kwa go ene. 

Doctor Mmusi o ne gape a tlhalosetsa banni fa Ipelegeng e se phiro e le lenaneo fela la go fokotsa manokonoko a lehuma.

A re diofisi tsa boremelelo jwa ditlamelo tsa Sojwe di tshwanetse tsa dirisiwa. 

A solofetsa gore o tlaa rulaganya gore bodiredi jwa puso go tswa maphateng a a farologaneng gangwe le gape ba etele banni ba Sojwe go ya go ba ruta ka mananeo.

Dr Mmusi o kopile Kgosi Tlhabologang Hube go mo itsese ka mananeo otlhe a a dirwang mo motseng, a re go dirwe mokwalo  wa one gore a tle a kgone go a sala morago sentle, gore a tsweletse jang le nako e a e beetsweng go fela, e re fa go nna le tiego go bonwe gore tsela pedi go tsewa e fe.

Mo bokopanong jo bokhutshwane jwa ga molaodi le komiti ya bodiredi jwa motse,

Dr Mmusi o ne a gakolola bogogi gore ke bone ba rweleng maikarabelo a go itsese setshaba ka mananeo. 

A re ba nne ba rulaganya bokopano ba ikgolagantse le kgosi go nna ba itsese banni ka mananeo, le go sekaseka tse e ka tswang e le dikgoreletsi le gore di ka fenngwa jang.

Bokopano jo bo ne bo rulagantswe ke mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Daisy Botsoba, morago ga go lemoga fa banni  ba tsaya mananeo mme ba sa dire ka natla mo go one, jalo a kopa molaodi go tla go ba kgothatsa. 

E re ka Sojwe a le kgakala le Gaborone, go tlhalositswe fa mo nakong e khutshwane go rulagantswe gore ba lephata la Gender Affairs ba etele banni go ba itsese ka mananeo a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thandie Keitumetse

Location : Sojwe

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 19 Jan 2016