Breaking News

Emang SOS nokeng

19 Jan 2016

Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana, Prof. Keitseope Nthomang o rotloeditse setshaba go ema maiteko a legae la SOS nokeng.

Fa a bua kwa moletlong wa go rola dijo tse di abetsweng legae la SOS kwa  Serowe ke lekgotlana la Diepamere ka Labotlhano, Prof. Nthomang o tlhalositse fa legae leo le dira tiro e ntle ya go aga  bokamoso jwa bana.

O tlhalositse gore bana ke motheo wa setshaba, ka jalo tiro e e dirwang ke SOS ya go tlhokomela bana le go ba  thusa go betla bokamoso jwa bone e  botlhokwa.

Prof. Nthomang  a re fa setshaba se ka ikgatholosa se SOS e se dirang,  bana ba ka fetoga dirukutlhi tse kamoso di tlaa tsogang di kgokgontsha setshaba ka go  inaakanya le ditiro tsa botlhokatsebe.

O ne a leboga bomme ba ba tlogetseng malwapa a bone go tla go tlhokomela bana ba SOS a re bomme bao ba tshwanetswe ke go tlotlomadiwa.

Prof. Nthomang yo e bileng e le mogakolodi wa lekgotlana la Diepamere, o ne a galaletsa lekgotlana leo  a re  le  setse morago dikgato tsa ga Jeso Keresete. A re go aba go tlhodilwe ke Modimo jaaka go kwadilwe mo bukeng ya Mataeo 25.

O ne a tlatsa ka go re buka e e boitshepho e tlhalosa gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.

A re mo setshabeng batho ga ba lekane, go na le  ba ba tlhokileng lesego, mme  batho ga ba a tshwanela go itlhokomolosa seemo seo. 

Mme mongwe kwa legaeng leo, Mme Leronne Tena o ne  a tlhalosa fa dimpho tseo di tlaa  ba thusa thata, bogolo jang ka ngwaga ke gone o simologang.

Moeteledipele wa lekgotlana la Diepamere,Rre Pule Nthobatsang o tlhalositse fa ba ne ba gwetlhega go aba morago ga go bona setshaba se tshweletse ka go aba. A re go kokoanya dijo tseo go ne go se motlhofo ka bangwe ba ne ba ba tlogela mo tseleng. 

A re legale se se ne sa seka sa ba kgoba marapo.

A re go aba ga bone go supa gore ba teng, ka jalo a gwetlha boeteledipele jwa motse go rerisa lekgotla leo ditiro tsa merafe gore le bone ba tle ba tsenye letsogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Serowe

Event : Kabo dimpho

Date : 19 Jan 2016