Breaking News

Bakgweetsi ba latlhegelwa ke matshelo

19 Jan 2016

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone bakgweetsi ba dikoloi tse pedi tse di amegileng mo kotsing baneng ba tlhokafala.

Mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala o boletse mo potsolotsong gore kotsi eo e diragetse ka Labotlhano ka nako ya metsotso e e lesome le botlhano go ya ko nakong ya lesome le bobedi bosigo.

Superintendent  Halahala a re go thulanye dikoloi tse pedi; ya mmotorokara ya Nissan Sunny le ya Toyota Alex dikhilomithara tse di masome mabedi go tswa kwa Tutume mo tseleng ya Tutume-Francistown gaufi le motse wa Nshakashogwe.

Ka go tlhoka lesego, mmotorokara wa Nissan Sunny o ne wa kapa molelo mokgweetsi a le mo teng.

A re koloi ya Toyota Allex e ne e tswa kwa Tutume e na le motho a le mongwe fa ya Nissan yone e ne e tswang ntlheng ya Francistown go le monna le mosadi wa gagwe, mme ya kgwela mosadi ko ntle a bona dikgobalo tse di masisi pele ga e lora.

Superintendent  Halahala a re ba ile ba ragosetsa boraro joo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa bakgweetsi ka bobedi ba tlhokafetse. O ile a tlhalosa fa bakgweetsi bao e le borre ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le masome mane.

A re rre wa Nissan Sunny ene o tlholega kwa Tutume fa wa Toyota Allex ene a tswa kwa Mosu kwa kgaolong ya Boteti mme ditopo di le kwa setsidifatsing go tlhatlhojwa ke dingaka.A yo o gobetseng o kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown kwa go bolelwang a sidilega teng.

A re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo mme a re ba belaela fa gongwe nngwe ya dikoloi tseo e ka tswa e ne ya tswa mo moleng wa yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Potsolotso

Date : 19 Jan 2016