Motshelo kgomo ya moshate
19 Jan 2016
Bogologolo Batswana ba ne ba na le mowa wa boipelego le thulaganyo ya go thusana mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Mengwe ya teng ke thulaganyo ya motshelo.
Gompieno metshelo e mentsi mo malwapeng le mo kwa ditirong.
Bangwe ba reka thoto ya dijo e bo e re ngwaga o fela ba bo ba di kgaogana fa bangwe bone ba reka dilwana tsa matlo tsa kapei. Go nna semphete ke go fete fa ngwaga e fela dikolotsana tsa marekisetso di tlala di bo di penologa.
Metshelo e thusa batho go kokotletsa madi gore fa ngwaga o fela malwapa a mangwe a bo a tshwana le a mangwe.
Le fa gontse jalo bontsi jwa metshelo ga bo a kwadisiwa ka fa molaong. Go a tle go nne le tlhokaboroko dinako dingwe fa motshwaramadi a a jele mme a nne le seipato.
Go bolelwa gore ba bangwe ba kgona go tshuba matlo a bone mmne ba tloge ba re madi le one a shele. Bangwe ba bolele fa malomaabone a sule a ise a duele madi a motshelo.
Mo potsolosong, Rre Tumediso Phaphane wa Kanye o boletse fa motshelo wa bone wa maloko a le boferabobedi ba dirile madi a mantsi thata ka gore ba ne ba adimisa e bile ba boelwa ke merokotso o mentsi.
Rre Phaphane a re kgwedi ya Hirikgong e tlaa feta fela dijo e le ntletse ntletse fela kwa ga gagwe. Madi o ne a rekela ngwana wa gagwe paka ya sekole yo o simololang mophato wa ntlha.
Fa Mme Neo Kgogobi a boletse fa maloko a itumetse thata ka gore ba boetswe e bile ga se maloko a masha ba dira jalo ngwaga le ngwaga. O boletse fa motshelo o le mosola thata o ba ntsha mo lehumeng ka dinako tsa ngwaga o mosha le keresemose.
Rre Benny Tselaesele le Rre Sebonego bone ba bone go se gontle ka jaana motshwaramadi a tsene ka lenga la seloko. Ba jele keresemose le ngwaga o mosha ka dipelo tse di botlhoko. Ba mo utlwaletse ko Aferika Borwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 19 Jan 2016






