Banni ba Mmathethe ba itumeletse mananeo
19 Jan 2016
Banni ba Mmathethe mo kgaolong ya Borwa ba lebogetse mananeo a puso a ba boletseng a le matsorotsoro.
Le gale ba re sebe sa phiri ke go tlhaelelwa ke metsi mo go ba apesitseng kobo ka letshoba ka ntata ya boutsana ja dipula.
Banni ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa botsogo e bile gape e le mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Alfred Madigele ka Labobedi.
Ba boletse gore lenaneo la Ipelegeng le tlhabolotse motse thata e bile batsadi bangwe ba kgonne go oba letsogo.
Ba boletse fa dipula di seo mme ka jalo temo e sa atlega mme batho ba inaakantse le Ipelegeng.
Ba kopile puso gore e oketse palo ya batho mo Ipelegeng.
Banni ba boleletse mopalamente gore ba lebogela go ba tlhola le go ba itsisi ka mananeo a puso ka botlalo, mme ba kopa gore puso e ba thuse ka metsi ka gore ba kgona go nna malatsi ba sa nwe.
Ba boletse fa dijo tse di beilweng mo motseng di sa ba lekane gotlhelele.
Mme legale khamphani ya Water Utilities Corporation e ba solofeditse go ba gokela kwa sedibeng sa Gasegwagwa e bile ba emetse metsi go tswa kwa Good Hope.
Ba boletse fa bangwe jaanong ba itseela molao mo diatleng ba thuba diphaephe le go nosa leruo.
Mokhanselara wa kgaolo Rre Samuel Morolong o boletse fa go na le didiba tse di sa dirisiweng mme di na le metsi, kgotsa ba goge metsi kwa Gasegwagwa.
O kopile gore go nne le makhanselara a mararo ka motse o godile.
Barui ba ngongoregile ka dihutshane tsa bone tsedi utswiwang ke magodu.
Ba re lenaneo le thusa balemi-barui mo go ba ntsheng mo lehumeng.
Ba kopile gore dikago tsa mapodisi tse ba sa bolong go di solofediwa di agwe go tla go laola seemo sa bogodu jwa leruo.
Mo go tse dingwe dikgang ba kopile gore ba agelwe ntlwana ya boitiketso kwa posong ka gore bagodi ba a sokola.
Fa a ba kgwa dikgaba Mopalamente Madigele o boletse fa theko ya diteemane e wetse kwa tlase mo go dirileng gore ditlhabololo dingwe tse di neng di le mo lenaneong di emisiwe pele.
Mothusa tona gape o boletse fa tse di neng di eme di tlaa dirwa ka madi aa tlaa tsewang ko a ntseng a beilwe teng ko mafatsheng, mme go ntshitswe lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le le tlaa bong le itebagantse le temo-thuo, tsa kago, bojanala, go dira mebereko le go dira dithoto.
Dr Madigele o boleletse banni gore puso e ikaelela go kabakanya itsholelo gore ba seka ba baya fela mo diteemaneng.
O boletse fa mo kgaolong ya gagwe ba tsile go aga ditsela tse di tsenang mo masimong a a ntshang dijo jaaka MOSISEDI, ba tsenya motlakase le go atolosa dikokelwana go nna dikokelo.
Mothusa tona o kopile bogogi le badirelapuso go dira ka natla gore ditlhabololo di tle di bonale ka bofefo.
Banni ba rotloeditse puso go tswelela e ba thusa ka mananeo go ba ntsha mo lehumemg bogolo jang jaaka dipula di le boutsana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Mmathethe
Event : Phuthego Ya kgotla
Date : 19 Jan 2016






