Breaking News

Diphatlha ga di ikopelwe

19 Jan 2016

Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re diphatlha tse di mo gare ga metse ga di ikopelwe.

O ne a itsise banni kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala mo phuthegong ya kgotla fa lephata la gagwe le emisitse kgang ya go ikopelwa ga ditsha mo diphatlheng tse di fa gare ga motse.

A re lekgotla la kabo ditsha le ka a fa moikopedi wa setsha se se fa gare ga motse fa go na le mabaka tota a a tlamang gore moikopedi a ka se fiwa a tshwana le a botsogo mme go sekasekilwe.

Rre Maele o ne a bolela fa diphatlha dingwe tse di fa gare ga motse di tlaa seke di dirwe ditsha mme di tlaa dirwa fa bana ba ka tshamekelang teng kana fa go ka dirwang lefelo la marekisetso.

A re fa ba kabo ditsha ba ka aba setsha sengwe mo diphatlheng tse di fa gare ga motse go sena mabaka a a patikang se tlaa abelwa ba ba mo moleng wa go abelwa ditsha.

Rre Maele o ne a bua jalo a tsibogela dikakgelo tsa bangwe ba banni ba kgaolo ya gagwe. Ba ne ba bolela fa ba sale ba ikopetse diphatlha dingwe mo gare ga motse mme ba kabo ditsha ba sa tsibogele go di ba abela.

Banni ba ne gape ba kopa puso go sekaseka gore a kgang ya gore Motswana mongwe le mongwe a lebanwe ke setsha se le sengwe e ka se fetolwe.

Ba kopile puso go sekaseka gore a Batswana ba ka seke ba letlelelwe go nna le setsha se le sengwe kwa magaeng le se le sengwe kwa toropong.

Rre Maele o ne a solofetsa banni fa go tla a sekasekiwa molao wa go nna le setsha se le sengwe ka Batswana ba le bantsi ba ikuela mo go yone gore e fetolwe.

A re Batswana bangwe le bone ba ne ba kopa puso gore bogolo e lebalebe gore a Motswana a le mongwe a ka seke a abelwe setsha se le sengwe kwa toropong le se le sengwe kwa magaeng mme le yone kgang eo e tlaa sekasekiwa.

Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a lebogela tirisano e ntle ya makhanselara a kgaolo ya gagwe.

O ne a ba rotloetsa go tshwaragana gore banni ba bone ditirelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 19 Jan 2016