Breaking News

ESP e tlaa tlhamela Batswana ditiro

19 Jan 2016

Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe  go batla metlhala ya go nyeletsa lehuma le go direla Batswana ditiro.

O boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Dibete le Bonwapitse bosheng gore maikaelelo a go simolodisa lenaneo la go rudisa itsholelo ke tsela nngwe ya go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tse di ka bulelang ba bangwe diphatlha tsa mebereko le go tswakanya itsholelo.

A re fa Batswana ba ka dirisa lenaneo la ESP go simolola dikgwebo jaaka tsa dikoporase le bojanala ba ka kgona go imolola lefatshe leno mo go diriseng madi a mantsi go reka dijo le dithoto kwa mafatsheng a mangwe ka jaana le tlaa bo le kgona go phadisana le mafatshe a mangwe mo mmarakeng.

Rre Makgalemele o boletse fa mmuso o ikaeletse go dirisa lenaneo la ESP go tlhabolola seemo sa ditsela, go tokafatsa seemo sa thuto, go lwantsha letlhoko la ditiro le go atolosa dikokelwana gore di kgone go nna le matlwana a pelegiso.

O tsweletse ka go kgothatsa Batswana go dirisa lenaneo la nyeletso lehuma le la ISPAAD gore ba kgone go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe.

E rile banni ba Bonwapitse ba tswa la bone ba kopa mmuso go potlakela go agela baithuti ba sekole sa Kalamare Junior Secondary School matlo a boroko gore bana ba bone ba emise go latela dithuto kwa Tswapong Borwa e bile ba kopa gore tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le metse ya Mmutlane le Shoshong e dirwe jaaka ba solofeditswe.

Kwa Dibete gone ba itumeletse ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka lenaneo la ESP jaaka go atolosiwa ga kokelwana, go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Machaneng e ba tlhalositseng fa e tlaa imolola tsela ya Gaborone/Francistown morwalo.

Mo diphuthegong tseo banni ba dibete le Bonwapitse ba rile le ntswa puso e na le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone, sebe sa phiri ba ngongoregisiwa ke tiego ya go abela batho ditsha tsa masimo le dikgwebo ke makgotlana a kabo ditsha le tiego ya go abela batho dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Shoshong

Event : Phuthego

Date : 19 Jan 2016