Maele o lekola kgaolo
18 Jan 2016
Mopalamente wa Lerala/Ramokgonami , Rre Prince Maele, a re lenaneo le le tlaa simololwang la go rudisa itsholelo la ESP le tlaa dira ditiro dingwe mo kgaolong ya gagwe.
O tlhalositse fa go tlaa nopolwa ditiro dingwe mo kgaolong nngwe le nngwe.
Rre Maele o ne a bua jalo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Lerala le Majwaneng mo kgaolong ya Lerala/Ramokgonami bosheng.
A re puso e ne ya lemoga fa madi a a tserweng go dirisiwa mo lenaneong la go rudisa itsholelo a ka seke a lekane go dira ditiro tsotlhe tse di akantsweng go dirwa.
O ne a itsise banni gore ditiro tse di tlaa dirwang mo lenaneong la go rudisa itsholelo di akaretsa ditiro tse di ntseng di le mo lenaneong mme di ne tsa seka tsa dirwa ntateng ya letlhoko la madi.
A re lenaneo leo le tlaa itebaganya le ditlhabololo jaaka dikago, bojanala le go tsenya ditlamelo mo ditsheng.
Rre Maele, yo gape e leng tona wa ditsha le matlo, o tlhalositse fa ditiro tse di tlaa dirwang maikalelo e le gore di dirwe ke dikhamphani tsa Batswana mme di tlhamele Batswana ditiro.
A re puso e ne ya tsaya tshwetso ya go dira lenaneo la go tsenya botshelo mo itsholelong ka go lemoga fa itsholelo e gomagometsa go wela tlase mo mafatsheng ka bophara go akarediwa le mafatshe a itsholelo ya lefatshe leno le ikaegileng ka one.
O ne a bolela fa itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka go rekiwa ga teemane ka jalo mafatshe a a ntseng a reka teemane eo a e reka ka selekanyo se se kwa tlase.
Mo go tse dingwe Rre Maele o ne a gakolola banni go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa lefatshe leno jwa dingwaga tse di masome a matlhano.
A re boipuso jwa lefatshe leno bo tlaa ketekwa mo go faphegileng ka jalo banni ba tshwanelwa ke go ipaakanya.
O ne a ba rotloetsa go dira dikomiti tsa boipuso mo metseng ya bone gore ba kgone go ipaakanyetsa letsatsi leo.
E ne e rile go le pele Kgosi Sello Moroka wa Lerala a lebogela puso ya lefatshe leno gobo e ne ya bona go tshwanela gore e re mo letlhokong le legolo la madi e bo e sa phutha matsogo fela mme ya dira lenaneo la ESP gore Batswana ba kgone go oba letsogo.
Ka jalo kgosi Moroka o ne a rotloetsa dikompone tsa Batswana go ipaakanyetsa lenaneo nako e santse e le teng gore ba kgone go le akola.
Mo go tse dingwe Kgosi Moroka o ne a kopa puso go sekaseka gore go ka dirwa jang gore dikago tsa puso di seka tsa kgaolelwa metsi fa go diragala gore di nne le sekoloto sa metsi ka go a bo go itsiwe gore sekoloto seo se tsile go duelwa.
A re kgang ya go kgaola metsi mo dikagong tsa puso e felela e ama setshaba ka le sone se dirisa dikago tseo mme ditirelo di bo di amega.
Fa a tsibogela dikakgelo tsa ga Kgosi Moroka, Rre Mogotsi Selebatso go tswa kwa komponeng ya metsi (Water Utilities Corporation) o ne a bolela fa go kgaotswe metsi mo dikgotleng ka bontsi mo metseng e a e okametseng mme go bakiwa ke go sa tsibogeleng go duelwa ga metsi ke bodiredi jwa kgotla.
A re tshwetso e a e tsereng ya go kgaola metsi mo dikgotleng ke e e maleba ka e se puso e sa tsibogeng mme e le bodiredi bo sa dire tiro ya jone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Phuthego Ya kgotla
Date : 18 Jan 2016






